Breaking News

Kotsi e gapa matshelo a bana ba le babedi

22 Apr 2014

 Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e gapileng matshelo a bana ba le babedi fa yo mongwe a falotse ka dikgobalo tse di masisi.

Superintendent Robert Mack a re bana ba ba tlhokafetseng ke mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro le monnawe wa mosetsana o ene a neng ale dingwaga tse di lesome le bone, fa yoo bonyeng dikgobalo tse di masisi e ne e le mosimane wa dingwaga tse di lesome le bosupa.

Rre Mack a re kotsi eo e diragaletse gaufi le sekole sa Letlhakane senior secondary. A re koloi ya modiro wa Toyota Corolla e amegang mo kotsing eo e ne ya tswa mo tseleng mme ya thula bana bao ka boraro jwa bone.

O tlhalositse fa bana bao ba ne ba tswa kwa morakeng mongwe gaufi le Mokobaxane mme ba ile Letlhakane ba romilwe ke batsadi ba bone. Rre Mack a re mokgweetsi wa koloi o thusa mapodisi ka di tlhotlhomiso.

E re dikgang di eme jalo, Superintendent Mack o kaile fa ba ne ba tshwara batho ba le borataro kwa Letlhakane ka malatsi a paseka ba ba neng ba nwela bojalwa mo mafelong a go sa letlelelwe go nwela teng.

O tlhalositse gore batho bao ba ne ba lefisiwa mme morago ba gololwa. Rre Mack o ne a tswelela a ikuela mo setshabeng mme a kopa ba ba tsweletseng ka mesepele go boela kwa mafelong a ba nnang kwa go one go kgweetsa ka kelotlhoko, ba etse tlhoko leruo le diphologolo tsa naga mo tseleng.

A re ba ipaakanyetse mesepele go sale nako gore ba kgone go kgweetsa ba iketlile ba sa potlakele gope le gone gore ba dikoloi tse di ka senyegang mo tseleng ba kgone go bona thuso ka bofefo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Pego ya mapodisi

Date : 22 Apr 2014