Breaking News

Puso e emetse lehuma ka dinao

21 Apr 2014

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re go supega fa 19.7 pe rcent ya Batswana ba tshelela mo lehumeng mme le gateletse bomme, banana le ba-na-le-bogole.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Motlhabaneng bosheng, Rre Kgathi o ne a tlhalosa gore le fa go ntse jalo, puso e dirile mananeo a tshwana le la Tirelo Setshaba, nyeletso lehuma, mananeo a banana, dithuso tsa bomme tshotlhe e le maikaelelo a go thusa ba ba amilweng ke lehuma.

A re mananeo a a diritswe go thusa batho go tswa mo lehumeng, a supa fa thuto e le konokono mo go ntsheng batho mo lehumeng ka jalo a kgotlhatsa ba ba tsenang dikolo go tiisa thata mo dithutong tsa bone.

Rre Kgathi, yo gape e leng motshwaralela tona wa ofisi ya tautona, a re batho ba tshwanetse go ikgotlhatsa go tswa mo lehumaneg a re seo se ka kgonega fa batho ba ikgotlhatsa go batla go tswa mo seemong se se ba gateletseng.

Fa a ama kgang ya tsela a re ga e jese monate, mme a supa fa kgaolo ya Bobirwa e filwe segopa tsela go ka baya tsela mo seemong se se siameng.

A re dipula tse dintsi tse di neleng ke tsone tse di befisetseng seemo sa ditsela. 

O ba lekodisetse ka tsa kgaoganyo ya madi a supa fa badiri ba Ipelegeng, bagodi, ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng, basiti kwa dikolong, batlhomedi ba ba lwetsi ko lwapeng, ba ntwa ya Bobedi, komiti ya ditlhabololo tsa motse.

Mookemedi wa ditsela mo Bobonong Rre Boy Mayanzanise a re seemo sa tsela ya Motlhabaneng ga se itumedise. 

A re ba ne ba ikaelela go e tshela lekgarapa mme ba ikaelela go e fudusa mme ha e fudugela teng go tla ama masimo a beng ba bone.

Rre Mayanzanise a re ka kgwedi ya Motsheganong tsela eo e tla gopiwa gabedi mo kgweding mme e tla dirwa ke dikonteraka tse di ikemetseng.

Fa a ama borogo ja Mabate a re tiro e ne e saletse ko morago mme e tla tswelela ka go nne go nale madiadia. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo Rre Koketso Chabalala a re letsema la ditiro tsa Ipelegeng le tsweletse sentle e bile ntlwana e e tla abeona lang dipilisi tsa ARV e fedile.

Mme a re selelo segolo sa banni ba motse ke tsela ya Motlhabaneng/Mathathane e e mo seemong se se maswe. 

Rre Kgathi o ne a buisa diphuthego tse dingwe kwa metseng ya Mathathane le Molalatau kwa banni ba supileng matshwenyego ka ditlou tse di ba senyetsang mo masimong gammogo le letlhoko la metsi kwa ditsheng tse di sha kwa motseng wa Molalatau.

O lebogetse banni ba kgaolo ya Bobirwa go dirisa dipula tsa bosheng go lema a re dipalo di supa fa go lemile batho ba le bantsi mo kgaolong eo.

A re se se tla ntsha batho ba le bantsi mo lehumeng la nta ya tlhogo mme a kopa sechaba go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.

Rre Kgathi o rotloeditse banni ba metse e go rotloetsa bana bone go tsaya thuto tsia ka maduo a dikolo a wetse kwa tlase. 

Banni ba metse e ya Motlhabaneng, Mathathane le Molalatau ba lebogetse mopalamente go bo a fuduseditswe kwa ofising ya tautona go tswa kwa lephateng la bana, metshameko le ngwao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2014