Breaking News

Ba Ipelegeng ga ba na go kgaolelwa madi

21 Apr 2014

Puso e tsere tshwetso ya gore fa babereki ba Ipelegeng ba ile kokelong le fa ba tsene diphuthego dingwe tsa motse ba seka ba emisetsa nako eo kgotsa ba kgaolelwa madi.

Tshwetso e, e tlhalositswe ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le thabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso mo phuthegong ya kgotla kwa Kudumatse bosheng. 

O tlhalositse fa tshwetso e e ama dithuthego tsa ga kgosi, mokhanselara, mapalamentle kgotsa bo-tona le bathusi ba bone.

Mme Tshireletso, yo o tlhalositseng fa mo mafelong mangwe go ntse go dirwa jalo, go tswa fela mo moeteledipeleng wa Ipelegeng a re jaanong tshwetso e e tla a diragadiwa lefatshe lotlhe.

Le fa go ntse jalo a re mmereki wa Ipelegeng o tshwanetse go isa sesupo sa gore o tswa go bona ba botshogo eseng jalo otla tsewa fela jaaka yoo sa tlang tirong.

O ne gape a ba rotloetsa go laela baeteledipele ba bone pele baya dikokelong. Fa ba ya kwa diphuthegong tsa methale e e tlhalositsweng,Mme Tshireletso a re le gone ba tshwanetse go laela baeteledipele ba bone. A re fa phuthego e fela pele ga nako ba tshwanetse go ya tirong go tsweledisa tiro ya letsatsi.

O ne gape a tlhalosa gore mmereki wa Ipelegeng ga a tshwanelwa go roma ope gore a mo emele fa asa tla tirong, asupa gore “re ntse re utwalela gore bagwe ba ipelegeng ba kgona go romela ba masika go ba theogelela fa ba sa tla tirong”. O ne a supa matshwenyego a gore baeteledipele ba ipelegeng ba tlogela baberiki bao ba le nosi.

O ne gape a supa gore gona le matshwenyego a gore babereki ba ipelegeng ga ba apeelwe sentle,a tlatswa ka gore o solofela gore go oketswa ga madi a dijo gotswa mogo masome a batlhano a dipula goya kwo go a masome a a supa a dipula go tla tiisa moko baba apayang dijo/ba ba apeelang ipelegeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galekutle

Location : KUDUMATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2014