Breaking News

Ba Papatlo ba lela ka metsi

21 Apr 2014

Banni ba Ramatlabama le Papatlo mo kgaolong ya Borolong ba ikuetse mo go mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Kitso Mokaila ka matshwanyego a ba kopanang le one mo metseng ya bone ka go farologana mo diphutegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo kgaolong.

E rile a amogela baeng, Kgosi Alex Leshomo wa Papatlo a re ba lela ka letlhoko la metsi. O buile jalo a ngongoregala ba lephata la metsi a tlhalosa gore lephata leo le na le go kgoala metsi ka sebaka ba sa ba itsise.

Kgosi Letshomo o tsweletse a re letlhoko la metsi mo kgaolong ya bone le dira gore batlhokomedi ba balwetsi mo malapeng ba ketehalelwe ke tiro ya bone ka gore bontsi ja balwetsi ke bana-le-bogwele ba ba sa kgoneng le go ikisa ko mantlwaneng a boitiketso.

O buile gape gore letlhoko la metsi ke kgwetlho e tona fela thata a tlatsa ka gore gona le letlhoko gape le le kwa godimo la go okelediwa kokelo le koloi ya bone jalo a kopa puso gore e ba sekegele tsebe mo letlhokong leo ka gore kokelo eo e na le mooki a le mongwe yo go le gantsi balwetsi ka nnang sebaka se se leele ba emetse thuso.

Kgosi Leshomo o tlholositse gape ka gore motse o kgakala le ditlamelo se se dira gore borukutlhi bo golele pele ka go thubiwa ga mantlo le marekisetso, o buile gore ka ba le kgakala le ba sepodise ba tsaya lobaka go tla go ba thusa dilalome tseo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Letshomo o lebogetse mananeo a puso ka go farologana a tlhalosa fa a itumeletse go bonala ga mopalamete ka a itse fa a tla reetsa matshwenyego a bone ka keletlhoko mme go tsewe kgato.

Baagi ba motse wa Papatlo le Ramatlabama ba tlhalositse fa ba ngongoregela boroko jwa badirela puso le letlhoko la matlo a borutelo ba tlholositse fa se e le selelelo sa ngwaga le ngwaga ka jalo se se ketafalela barutabana ka go sena ko ba ka rutelang bana teng go le gantsi ba kgobakana mo tlong e le mongwe.

Tona wa kgothetso Moepo le Metsi Rre Mokaila e rile a buisa phutego o boletse gore ntswa le fa ntse ka sebaka a sa bonale mo motseng o, o ntse a itebagantse le mananeo a mangwe a e leng a go leka go tlhobolola motse wa Papatlo go leka go tokafatsa seemo sa metsi.

Tona Rre Mokaila o arabile mangwe a matshwenyego a bone ka gore puso e santse a tlhaela ka madi ka jalo e tlaa dira gotlhe mo e ka go kgonang go fokotsa letlhoko la metsi. O buile gore metsi a tlhaela ka go sena pula mme didiba le tsone di kgadile o tlhalositse gore gona le mananeo a a dirwang ke puso go fedisa letlhoko la mesti mo kgaolong. 

Rre Mokaila o rotloeditswe morafe eo gore ba ye go ikwadisetse ditlhopho o buile gore go tlhopha go botlhokwa fela thata Motswana o tshwanetse go tsaya boikarabelo mo pusong ya batho ka batho ka go tlaabo go bulelewa gape ka kgwedi ya Motsheganong a le gangwe a tlatsa ka gore ba se ithontshe ditshwanelo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Gwebu

Location : PAPATLO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2014