Bagodi ba simolola go duelwa ka karata
21 Apr 2014
Lekalana la poso la re maikaelelo a lone ke go tlhabolola le go fefosa tsamaiso ya go duela bagodi, bagaka ba ntwa ya lefatshe ya bobedi le batlhoki, ka go emisetsa tsamaiso ya go dirisa bukana ka karata e e dirisang maranyane a sesha.
Mogolwane wa poso go mo Gaborone, Mme Georginah Dennison, o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Letlhakane jaaka ba ne ba rerisa morafe ka maikaelelo a bone a go fetola tsamaiso ya go duela.
Mme Dennison o supile fa karata e letla badirisi go ka tsaya madi ba kgaoganya, e seng jaaka mo nakong eno go dirisiwa bukana mme mogolo a patelesega go gogorupa madi otlhe.
Mme Dennison a re karata eo e kgona go dirisiwa gongwe le gongwe kwa go nang le lekalana la poso, a tlatsa ka go re maikaelelo a mangwe ke gore e dirisiwe go reka mo marekisetsong a a tlaa bong a dumetse go dirisana le poso.
O tlhalositse gore maikaelelo ke gore karata e tsene mo tirisong Seetebosigo a rogwa, ka jalo bagolo le botlhe ba ba bonang dithuso tsa bone kwa posong ba tlaa fiwa sebaka sa go ikwadisa go simolola kgwedi eno e le masome mabedi le bone go tsena Motsheganong a le masome mabedi le boraro.
A re botlhe ba ba ntseng ba amogela ba dirisa bukana ba tshwanetse go etela poso le le gaufi le bone go ikwadisa ba supa Omang.
Mogolwane wa poso a re ba bone go le botlhokwa go fetogela tsamaiso ya bukana ka gore e turu e bile e tlhoka go ntshafadiwa ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka go re ba ne ba setse ba lemogile fa e sa sireletsega kgatlhanong le borukutlhi.
O boletse fa tiriso ya karata e tlaa dira gore bagodi ba thusiwe ka bofefo, a tlatsa ka go re le fa karata e latlhegile madi a nna a sireletsegile.
O tlhalositse gape gore tsamaiso ya karata e letla mogodi go nna lobaka lwa dikgwedi tse tharo madi a ise a busediwe morago, mo mabakeng a a ka kgoreletsang go tla go amogela kgwedi le kgwedi jaaka go tshwarega kgotsa bokoa; e seng mo tirisong ya bukana e madi a bewang kgwedi fela.
Mme Dennison a re morago ga dikgwedi tse tharo mogodi a ntse a sa kgone go amogela ke gone a patelesegang go tla go tlatsa dipampiri kwa posong gore a bo a ka kgona go bona madi a melala.
O tlhalositse gore bagolo ba ba palelwang ba tlaa latelwa kwa malwapeng go kwadisediwa tsamaiso e ntsha, ka jalo a kopa botlhe ba ba kgonang go tsamaela kwa posong go iketleeletsa teng.
Mme Dennison a re karata e ntsha e tlaa tsaya lobaka lwa dingwaga tse di lesome e ntse e le mo tirisong, a tlatsa ka go re fa modirisi a e latlhile o tlaa lopiwa P22 gore a direlwe e ntsha. O kopile batsadi go somarela dikarata tsa poso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Apr 2014