Magodu a leruo a gaketse
21 Apr 2014
Mapodise a Letlhakane a tshwere borre ba le babedi ka molato wa go fitlhelwa ka nama ya dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu.
Superintendent Robert Mack o rurifaditse mo potsolotsong gore e rile Mopitlwe a le masome mabedi le bosupa ba amogela molaetsa wa gore go utlwala go thunya ga modumo o go belaesegang e le wa tlhobolo kwa merakeng e e gaufi le moepo wa diteemane wa Letlhakane.
Rre Mack a re ofisi ya sepodisi ya Letlhakane e ne ya amogela molaetsa jaana morago ga gore barui ba Letlhakane ba lele ka bogodu jwa leruo jo bo kekelang mo merakeng ya bone.
Supt Mack a re ba ne ba ragogela ntlheng ya meraka eo mme mo tseleng ba kopana le koloi e e neng ya ba belaetsa, selo se se neng sa gwetlha mapodise go e phuruphutsha mme ba fitlhela nama ya dikgomo tse pedi.
O tlhalositse borre ba babedi ba ba neng ba tsamaya ka koloi eo ba ne ba palelwa ke go supa gore dikgomo tseo ke tsa bone. Rre Mack a tlhalositse fa ba ne ba kgona go ikopanya le mong wa dikgomo mme a rurifatsa fa e le tsa gagwe.
Ramapodisi a re babelaelwa ba ne ba tshegediwa ke mapodisi mme ba gololwa morago ga go itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata Mopitlwe a le masome mararo le bongwe.
Supt Mack o boletse gape fa ba ne ba tshwara borre ba bararo mabapi le go bolawa ga poo ntlheng ya moepo wa Damtshaa. Rre Mack a re ba ne ba amogela dikgang tsa gore go bonwa matlalo a dikgomo mo sekgweng ntlheng ya Damtshaa mme ba tsamaela teng kwa ba fitlhetseng letlalo le tlhogo ya poo.
O tlhalositse gore mapodise ba ne ba tshwara borre ba le bane mabapi le kgang eo. Rre Mack a re mapodise a tshwenngwa gape ke banni bangwe ba Letlhakane ba ba tsweletseng ka go titiela le go rekisa majalwa a a sa letlelelweng.
O tlhalositse fa ba tshwere bomme ba le bane ba ba neng ba rekisa bojalwa jo bo tlwaelesegileng ka leina la ‘mokoko, a re bomme bao ba ne ba atlholwa madi mme go setse go duetse ba le babedi fela.
Supt Mack o boletse fa go na le melao e e laolang thekiso ya majalwa mme batho bangwe ba tsweletse ka go e ikgatholosa, ka jalo ba tsweletse ka go tsenya matshelo a banwi mo diphatseng.
O ne a tswelela a tlhalosa gore, “go na le batho ba ba rekisang majalwa ka dinako tse di sa letlelelweng, ba letsa diromamowa ka medumo e e kwa godimo ba sa rekegele baagisanyi ba bone ntswa ba itse fa se ba se dirang e le molato.”
Supt Mack o ne a rotloetsa Batswana go ikgapha mo go nweng majalwa a a dirwang mo malwapeng e bile a se ka fa molaong le go tsenngwa metswako e sa laolesegeng ka gore a felela a ba bakela malwetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lopang Obolokile
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 21 Apr 2014