Lehuma ke mmaba - Rakhudu
21 Apr 2014
Rre Keletso Rakhudu a re khumanego ke mmaba mo mothong.
Fa a bua kwa moletlong wa paseka kwa kerekeng ya King Calvary kwa Mahalapye ka Matlhatso, Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Keletso Rakhudu o ne a tlholosa fa khumanego e ka tsisa boitlhobogo mo mothong.
A re khumanego e kgona go dira gore motho a felele a inaakanya le ditiro tse di sa amogelesegeng mo setshabeng gore a kgone go itshetsa.
Le fa go ntse jalo, Rre Rakhudu a re puso e tsile ka mananeo a nyeletso lehuma a banana le bagolo ba ka a dirisang go intsha mo lehumeng le go itlhamela mebereko. Mo lenaneong la nyeletso lehuma a re batho ba ka tsaya dikoko tsa Setswana kana ba rua dinotshi.
A re lenaneo le le ka kgona go tsewa gape ke batho ba le setlhopha, a re le fa e le setlhopha sa kereke se ntse se a amogelesega.
A re puso e dirile lenaneo la thuto gore bana botlhe ba tsene sekole. O rotloeditse bana ba ba sa ntseng ba tsena dikole go ithuta fela thata gore fa ba fetsa dithuto ba di dirise go itlhamela mebereko le go tlhabolola lefatshe la bone.
Mo godimo ga se o akgotse King Calvary go bo e tsweletse ka go supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego.
A re mokgwa wa go dira jalo o tsamaisana le go nyeletsa lehuma, a re go dira jalo go godisa kereke.
Fa a tswa la gagwe, mothusa moeteledipele wa kereke eo, Assistant Archbishop Rakodu a re o tshwentswe ke dikereke tse di gopelang itsholelo ya Batswana.
A re o tshwentswe gape ke letlhoko la lefelo la kereke, a re selo seo se dira gore dikereke di felele di tsenela mo malwapeng, mokgwa o khansele e sa o letleleleng, mme ba iphitlhela ba sa itse gore ba ye kae.
Rre Rakodu o buile a sa kgale mathe ganong ka dikereke tse ga saatane tse a reng di tsenwa thata ke bana ba dikole, a re mokgwa oo o a tshosa. A re dikereke tsa semowa di tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha dikereke tsa mofuta o. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa Paseka
Date : 21 Apr 2014