Go tlhaba go tlhoka teseletso
21 Apr 2014
Barui ba meraka e e mo tikologong ya Mmatshumu ba gakolotswe go emisa go tlhaba le go rekisa nama ya leruo le le sa fiwang teseletso.
Kgalemo e ntshitswe ke Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumu mo potsolotsong bosheng a supa fa leruo le le bolawang mong wa lone a sa fiwa teseletso le gone le tlhabelwa mo mafelong a a sa rebolwang ka fa molaong go kgoreletsa maiteko a go lwantsha bogodu jwa loruo.
Kgosi Phetsogang o supile gore jaaka moeteledipele gape tiro ya gagwe e le go rarabolola dikgang tse di akaretsang tse di amang leruo, o bona go le botlhokwa go tsibosa morafe ka seemo se a bonang se golela pele e bile se tsamaela go humanegisa barui.
O supile gore dipalo tsa dikgomo tse di tlhabelwang kwa merakeng le mo nageng le gone di sa tlhatlhojwa go tlhomamisa gore di siametse go jewa di a oketsega, ka jalo go tsisa dipelaelo tsa gore bangwe ba setse ba itseela le tse e seng tsa bone.
Kgosi Phetsogang o gakolotse morafe wa Mmatshumu go emisa go reka nama e e rekisiwang mo mekgwatheng le gone ba sena bosupi jwa gore seruiwa se se tlhabilweng se kwadisitswe ka fa molaong.
O tlhalositse gape gore go reka nama mo lefelong le le sa kwadisiwang ke molato, a tlatsa ka go re ope yoo ka bonang bangwe ba rekisa nama mo motseng a lome mapodise tsebe.
O gateletse gape gore le fa gone ba tlhaelelwa ke didirisiwa jaaka dikoloi tse di ka ba thusang go fefoga go lwantsha seemo se, mapodise a tshwanetse a eme ka dinao a bula matlho go lwantsha borukutlhi jo.
Kgosi Phetsogang a re bosheng mongwe wa barui o ne a tla go ikuela mo kgotleng dikgomo tsa gagwe tse pedi di gobaditswe ka sengwe se se bogale mme seo se tsisa dipelaelo tsa gore di falotse ka bobi jwa segokgo mo matsogong a magodu.
A re dipelaelo ke gore ba ba tlhabang dikgomo ba se na diteseletso ba ka tswa ba bonye mmaraka wa nama o o nonneng mo mafelong mangwe gaufi le Mmatshumu.
A re dikgang tsa bogodu jwa loruo di tsweletse ka go gola ka gore barui ba nna ba lela ka gore diruiwa di nyelela ka tsela e ba sa e tlwaelang.
Kgosi Phetsogang a re go na le bangwe ba ba bonalang mo merakeng ba palama dipitse ba supa fa ba le mo motlhaleng wa loruo lwa bone lo lo timetseng mme bangwe ba bone ba belaesega e le magodu.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Phetsogang o gakolotse barui go itse loruo lwa bone ka matshwao le mebala e seng dipalo fela le gone go tiisa tlhokomelo ya lone ka gore bangwe ba lemoga morago ga lobaka fa loruo lo sa bonale bosupi bo setse bo timetse.
Kgosi Phetsogang a re le fa go na le komiti e e itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa loruo, go lebega e sa dire tiro ya yone sentle ka e tlhaela bogakolodi le thotloetso ya mapodise a a tshwanetseng go bereka le yone.
A re seemo se tlaa dira gore matshelo a banni ba Mmatshumu ba ba ikaegileng ka loruo a wele tlase, a supa gore beng ba loruo lo lo nyelelang ke ba ba thusitsweng ka mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, la banana le la LIMID go rua dihutshane gore ba kgone go itshetsa ba sa ikaega ka puso.
E rile a tsibogela seemo se mookamedi wa mapodise a Letlhakane, Superintendent Robert Mack a supa fa ba bereka ba tshwaragane le setshaba go lwantsha bogodu jwa loruo.
Supt Mack o supile gore mo kgaolong ya gagwe dikgang tsa bogodu jwa loruo di tshwenya thata mo Letlhakane, a tlatsa ka gore tlhaloso ya gagwe ga se go tshwaya phoso gore banni ba Mmatshumu ba tshwenngwa ke magodu.
Rre Mack o kopile morafe go itsese mapodise ka nako gore dikgang tse di kgone go tlhotlhomisiwa go sale nako.
E rile a itebaganya le komiti ya Anti Stock Theft e e tlhamilweng ka barui le mapodisi o ne a supa fa e le nngwe ya methale e e dirisiwang go lwantsha borukutlhi.
O kopile morafe go dirisana le komiti go tlhotlhomisa motsamao ya batho e ba bonang e belaesega.
A re kgang nngwe le nngwe e e begelwang mapodise e tlaa tlhotlhomisiwa ka tlhoafalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MMATSHUMU
Event : Potsolotso
Date : 21 Apr 2014