Breaking News

'Tlholang maina mo bukaneng'

21 Apr 2014

Batswana ba gakolotswe go rurifatsa maina a bone mo bukanemg ya ditlhopho.

Mafoko a, a builwe ke mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le tsamaisang ditlhopho la IEC, Rre Dintle Rapoo fa a buisa thuto-puisanyo ya batsaya karolo mo mererong ya ditlhopho kwa Serowe bosheng.

Rre Rapoo a re batho botlhe ba e rileng ngogola ba bo ba ikwadisetsa ditlhopho ba kopiwa go ikopanya le ba diofisi tsa IEC go ya go rurifatsa gore a maina a bone a teng le gore a kwadilwe sentle.

A re se se dira tiro motlhofo gore fa go ka nna le dipaakanyo di lemogwe go sa le nako go itsa madiadia ka nako ya ditlhopho. O ne a tlhalosa gore mongwe le mongwe o letlelesega go ka tlhatlhoba maina a, ka jalo a rotloetsa Batswana go ya go komela maina a bone.

A re maina a beilwe ka mafelo a a farologaneng mme ba ka ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho go itse mafelo a a gaufi le bone. Mo go tse dingwe, Rre Rapoo o ne a gakolola ba-tsaya karolo gore go tlaa nna le poeletso ikwadisetso ditlhopho Motsheganong a rogwa go ya kwa go a le lesome le borobabobedi.

A re dipalo di sa ntse di supa fa batho ba sa ikwadisetse ditlhopho ka bontsi, ka jalo Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba ikwadisa gore ba tle ba tlhophe moemedi yo ba mmatlang.

Rre Rapoo a re Batswana ba le bantsi ga ba tsee tsia tshwanelo ya bone ya go tlhopha, ka moo ga ba ikwadisetse ditlhopho.

A re nako e tsile ya gore Batswana ba itse fa e le tshwanelo ya bone ya go ikwadisetsa ditlhopho, a tlatsa ka go re kwa mafatsheng a mangwe ga go motlhofo jaaka mo Botswana.

O ne a tlhalosa gore go tsaya karolo mo ditlhophong o le monni wa lefatshe ke tlotla e tona ka go nne motho o kgona go tlhopha puso e ene a bonang e mo siametse.

Ka jalo Rre Rapoo o kopile Batswana go tsaya ikwadiso e e tlang e tsia ka e bile e le yone ya bofelo go iwa kwa ditlhophong.

O gateletse botlhokwa jwa go tlhalosetsa batho ka tsamaiso ya ditlhopho le ikwadiso.

A re go tshwana le fa go twe batho ba ikwadiseste ditlhopho, bangwe ga ba tlhaloganye ka gongwe ba abo ba setse ba ikwadisitse kwa diphathing tsa sepolotiki.

O kopile gore fa ba bua ka dikgang tsa go ikwadisetsa ditlhopho ba seka ba tsenya tsa sepolotiki mo teng ka batho ga ba tlhaloganye ka go tshwana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : SEROWE

Event : Thuto puisanyo

Date : 21 Apr 2014