Breaking News

Ba re ba tlhoka thutuntsho ka Tirelo Setshaba

21 Apr 2014

Go tlhoka thutuntsho ka lenaneo le lesha la Tirelo Setshaba go lebega go le busetsa morago.

Se se supegile mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso kwa Kudumatse le Mokwaswane bosheng.

Banana ba ba amogetsweng mo lenaneong leo ba ne ba supa fa tota bone ba sa tlhalosediwa kgotsa ba rutuntshiwa ka lenaneo leo. Mo letlhakoreng le lengwe babereki ba ba tshwanetseng go bereka le banana bao ga ba tlhaloganye gore ba tshwanetse go bereka le bone jang.

Kwa Kudumatse mongwe wa banana ba ba amogetsweng mo lenaneo leo, Mme Pabalelo Diane yo o tlhalositseng fa ba sa amogelesega ka ba tlhola fela ba sa dire sepe, a re ga ba ise ba tlhalosediwe gore ba bereka jang.

O ne a tladiwa ke banana ba bangwe ba ba supileng fa ba tlhoka thutuntsho le gore ba tlhalosediwe gore ba bereka jang. Kgosi wa Mokwaswane, Rre Sukiri Raditanka ene o ne a tlhalosa gore, “re neetswe bana ba Tirelo Setshaba, ga re ise re bolelelwe gore re bereka le bone jang.”

Kgosi Raditanka a re ba utlule fela mo dipampiring tsa dikgang gore banana bao ba etla. Mothusa tona le ene o ne a amogela fa go tlhoka thutuntsho ka go supagetse mo diphuthegong tse a di buisitseng gole pele gore kgang e e tshwentse banana ka bontsi.

Fa dikgang di eme jalo, kwa Mookane, Mme Tshireletso o ne a kopa banana ba Tirelo Setshaba go dira ka natla le go itshwara ka botho jo bo eletsegang

Mokhanselara wa Mookane, Rre Timothy Mmopi o ne kopa banana ba Tirelo Setshaba go tsaya karolo mo mererong ya metse ya bone le gone go bereka ka natla go tsisa pharologanyo mo setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : KUDUMATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2014