Ba motse wa Topisi ba ipelela letlhafula
16 Apr 2014
Ngwao ya go isa thobo ya ntlha kwa kgosing ke nngwe ya tse di nyeletseng mo ngwaong ya Setswana.
Ba motse wa Topisi e rile bosheng ba ikgata motlhala go tsosolosa ngwao eo, ka go isa thobo ya bone kwa kgotleng fa pele ga kgosi ya bone Kgosi Kgomotso Boiditswe.
Fa a ba leboga, Kgosi Boiditswe o supile fa a lebogetse maiteko a morafe wa gagwe ka go tsosolosa ngwao.
A re, go bo ba tsere legato la ntlha, ke selo se se tona fela thata, a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga ka nako ya thobo motse wa Topisi o tsile go tshwara tiro e mo kgotleng.
Kgosi Boiditswe a re, o lebogetse botlhe ba ba tsereng karolo mo temong mono ngwaga, a rotloetsa borre go ititaya ka thupana gore ba seka ba gaisiwa ke bomme.
A re, morafe wa gagwe o tsebe ntlha go utlwa ka o nnile mengwe ya merafe e ileng ya rapelela pula, a tlatsa ka gore pula mo Topisi e nnile e e namagadi.
O kopile morafe wa gagwe gore fa ba setse ba ja letlhafula, ba seka ba lebala ba ba tlhokileng lesego jaaka bana ba masiela ba ba mo tlhokomelong ya ba SOS kwa Serowe.
O ba kopile gore ba ntshe bonyennyane gore bana bao le bone ba akole dijo tsa Setswana tse di akolwang ke bana ba mo gae.
Fa a tswa la gagwe, molemisi wa kgaolo eo Rre David Moloi o lebogetse ditema tse di lemilweng mono ngwaga, a tlhalosa fa di oketsegile thata go feta ngogola.
A re, se, se supa fa batho ba kgatlhegela lenaneo la ISPAAD le ka lone puso e thusang balemi ka dipeo, menontshane le go ba lemela.
A re, puso e dirile lenaneo le, gore Batswana ba itirele dijo go fokotsa go reka dijo kwa ntle, a gatelela gore mongwe le mongwe fa a ne a ka dirisa lenaneo le, go ne go ka seke ga nna le bakopi.
Rre Moloi o rotloeditse balemi go rema le go dirisa masimo a bone.
A re, balemi ba Topisi ba ile ba nna lesego gore puso e ba thuse go agelela masimo a bone, fela a tlhalosa fa go sa lekana ka gore balemi ba maoto a tshupa go tsenya letsogo gore tiro ya kagelelo ya masimo e wele.
O rotloeditse ba ba sa diriseng masimo a bone go adima ba ba eletsang go lema mme ba dira jalo ka mokwalo go itsa dikgotlhang. O lebogetse thobo ya balemi, mme a ba rotloetsa go tswelela ba tlhokomela masimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TOPISI
Event : Letsatsi la go ipelela thobo
Date : 16 Apr 2014