Breaking News

Ba lebisitswe molato wa go tlhoka tsebe

16 Apr 2014

Banna bangwe ba lebisitswe molato wa go tlhoka go sala ditaelo tsa lekgotla morago.

Banna bao, ebong  Mogakolodi Mokgethwane wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Kgopa kwa Moshupa le Moeti Kebonyemodisa wa kwa Metlobo, ba lebisitswe melato e e farologaneng ya go tlhoka go reetsa ditaelo tsa lekgotla.

Go ya ka mosekisi wa kgang ya ntlha, Rre Kebabonye Setlhako wa sepodise sa Moshupa, Rre Mogakolodi o ne a laetswe ke ba lekgotla la ditsheko la Kanye kgwedi ya Lwetse ele lesome le boferabongwe, ka ngwaga wa 2012, gore a seka a tsena mo lelwapeng la ga Mme Felicia Mokgethwane, mme mosekisiwa a itira tsebe se utlwe, a tsena fela ka go rata ga gagwe mo lapeng leo ka kgwedi ya Phalane ele malatsi a ferabobedi ngwaga o o fetileng.

Mosekisiwa gape o ne a kopa mapodise fa pele ga lekgotla gore ba buse diletso tsa gagwe tse ba di tsereng a tlhalosa fa ele tsone tse a itshetsang ka tsone.

Fa a akgela mo kopong ya ga mosekisiwa, Rre Setlhako a re, go thata tota gore ba neele mosekisiwa diletso ka ke tsone tse lekgotla le di dirisang ele bosupi.

Fa a ntsha la gagwe makaseterata wa Kanye Mme Bosele Busang a re, kgang eo e tla a tswelela kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi ale lesome le borataro.

Rre Kebonyemodisa  ene o lebitsitswe molato wa go tlhoka go sala ditaelo tsa lekgotla tsa go duela P 500 kgwedi le kgwedi go tlhokomela ngwana wa gagwe yo a mo tshotseng le Mme Fredah Moeti.

Lekgotla le ne le laetse Rre Kebonyemodisa go duela madi ao go simolola  kgwedi ya Ngwanatsele  ngogola  go fitlhelela kgwedi ya  Mopitlo go tlhokomela ngwana.
Madi otlhe a mosekisiwa a a kolotang ke P2500. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KANYE

Event : Tsheko

Date : 16 Apr 2014