Breaking News

Balemi ba busetsa thobo kwa morago

16 Apr 2014

Go tlhoka go tshwaragana ga balemi ba merogo kwa Letlhakane go dira gore ba seka ba ntsha thobo e e lekanetseng go fepa setshaba.

Bangwe ba balemi bao ba supile mo potsolotsong le lekalane la dikgang la BOPA gore, maiteko a bone a go kopana ba dira mokgatlho, a fetoga matsapa a lefela ka gore ga ba kgone go dumalana ka megopolo.

Ba supile gore le fa setswana se re, ‘disela mmapa ga di ratane’, ba bona go le botlhokwa go tshwaragana e le bagwebi gore ba kgone go dira dipoelo tse botoka le go ntsha merogo e e lekaneng go kgotsofatsa bareki ba bone.

Mongwe wa balemi, Rre Godwin Baolatotse, o tlhalositse fa a simolotse go inaakanya le kgwebo ya temo ya merogo ka ngwaga wa 2011, a gwetlhilwe ke go bona merogo e tlhaela mo kgaolong ya Boteti. 

Rre Baolatotse o supile gore o ne a fiwa botsipa jwa go lema merogo ke balemi ba bangwe ba ba neng ba setse ba inaakantse le kgwebo eo, le fa gone ba ne ba sena kitso e e kalo.

Rre Baolatotse  a re, le fa kwa tshimologong a ne a kopana le dikgwetlho tse di neng di dira gore a tswe a iphotlhere mo ngwageng wa ntlha, o ne a seka a ipona tsapa. 

A re, ka gotwe mmatla kgwana ya gaabo ga a swe lentswe, o ne a tswelela a tshwara ka thata go fitlhelela toro ya go ntsha thobo e e  nametsang e diragala. 

O tlhalositse fa mo thobong ya gagwe, a ne a kgona go rekisetsa marekisetso a magolwane jaaka la Spar mo Letlhakane le kwa Orapa le la Shoppers. 

Rre Baolatotse o supile gore le mo nakong eno o ntse o rekisetsa bagwebi merogo ka go farologana, a akaretsa le bagwebi ba ba botlana ba ba rekisang mo mekgwatheng.  

O tsweletse a re, le fa gone kgwebo e tsamaya sentle go simolola ka ngwaga wa 2012, sebe sa phiri ke gore go nale dikgwetlho jaaka diji tse di kgoreletsang gore kgwebo e gole jaaka a ne a eleditse, e bile di tlhoka gore balemi ba merogo ba tshwaragane go di lwantsha. 

O supile gore melemo e e dirisiwang go bolaya diji, e  turu gape e rekwa kgakala kwa mafelong a tshwana Francistown, ka jalo go bokete gore molemi a itebaganye le tsone  a le nosi.  

Rre Baolatotse a re, kemonokeng ya balemisi ba ba lebaganeng le temo ya merogo le yone e a reketlha, ka jalo mo mabakeng mangwe molemi o palelwa ke go lemoga diji tse di senyang dijwalo tsa gagwe le gone go itse tsela kana melemo e e ka di lwantshang. 

A re, balemisi ga ba kgone go nna le nako ya go ba thusa sentle, a supa gore ba tlhoka go tlhatlhelelwa kitso e ba ka e dirisang go tokafatsa temo ya bone. 

Rre Baolatotse o supile fa  tlhaelo ya didirisiwa le yone ele sekgoreletsi. 

Rre Baolatotse a re, selo se se tona se se mo tshwenyang thata ke gore balemi ba merogo mo Letlhakane ba maoto a tshupa go kopana, e bile go lebega ba sena maikaelelo a go bereka ba le seopo sengwe.

O gateletse fa keletso ya gagwe e le go bona balemi ba merogo ba kopane go dira mokgatlho o o ka thusang go lwantsha dikgwetlho tse di kgoreletsang kgwebo ya bone. 

“Ke sale ke leka gore re kopane ka ngwaga wa 2013, mme ga re nke re dumalana ka nako e e re siametseng rotlhe , le ba ba dumalanang le nako e e beilweng, ba felela ba sa iponatse.” 

A re, go nna le mokgatlho e tla bo e le selo se se molemo mo baleming ba merogo botlhe ka gore, ba tla kgona go lema ba dirisa lenaneo le ba le kopanetseng gore ba kgone go tswakanya dijwalo le go ntsha tse di tlhokwang ke bareki. 

O tlhalositse gore mo nakong eno, ba lema dijwalo tse di tshwanang nako ele nngwe ntswa go le botlhokwa gore ba ntshe merogo e e farologaneng nako e le nngwe. 

Rre Baolatotse a re, go tshwaragana go ka thusa gore ba seka ba rekisa fela mo gae,mme  ba kgone go phunyeletsa le mmaraka wa mafatshe a mangwe le gone go ntsha thobo e nang le boleng.

Molemi wa monana wa dingwaga tse di masome a mabedi le boroba bobedi wa motse wa Rakops, Rre Tumelo Murumbonyane ene a re, o simolotse kgwebo ya merogo mo Letlhakane ka ngwaga wa 2010 ka thuso ya madi a P500 000 ke ba lekalana la CEDA. 

Rre Murumbonyane o tsweletse a re, ditlhotlhomiso tse a di dirileng mo mmarakeng wa merogo, di supa fa balemi ba sa kgone go kgotsofatsa bareki ka gore ba ntsha thobo e e sa lekanang. 

Rre Murumbonyane o supile fa go tlhoka babereki ba ba boikanyego e le sengwe sa tse di mo tshwenyang ka gore banana ga ba batle go bereka mo masimong le gone go nna teng, ka jalo se se dira gore a ketefalelwe ke tiro ka gonne o felela a dira ka palo e e kwa tlase ya badiri. 

O tlhalositse gore temo ya nosetso e turu ka gore e tlhoka metsi, a re, se, se babalela letlole la gagwe ka gore o tlhoka go reka leokwane  kgapetsa – kgapetsa, ka jalo go botlhokwa go dira ba tshwaragane. 

O supile gape gore mogote o o kwa godimo mo kgaolong potlana eo, le one o dira gore molemi a dirise metsi a mantsi ,seo se oketse ditshenyegelo.  

A re,  ga a kake a kgona go lema merogo mengwe jaaka segwere sa kwii ka gore e tlhoka metsi a mantsi.

O tlhalositse gape gore go botlhokwa gore balemi ba merogo ba gokele motlakase kwa masimong a bone mme se, se ka kgonwa ke batho ba tshwaragane eseng motho a ikemetse a le nosi. 

Rre Murumbonyane o rotloeditse  balemi ba merogo go itsosa le go thusana ka gore setshwarwa ke ntsha pedi ga se thata, a tlatsa ka gore bangwe ga ba kgone go ntsha thobo e e nametsang ka go tlhoka go tshwaragana, fa bangwe ba setse ba paletswe ka go sena kwa ba ka lebang teng go rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 16 Apr 2014