Poso e tla simolodisa tiriso ya karata
16 Apr 2014
E tla re kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro go fitlhelela Motsheganong a le masome mabedi le bone, poso e direle bagodi dikarata tse di amogelang madi.
Fa a rolela morafe wa Serowe mafoko a mo phuthego ya kgotla bosheng, moeteledipele wa tsa kgwebo wa Botswana Post, Rre Cornelius Ramatlhakwane o tlhalositse fa dikarata di ya go simolola go dirisiwa kgwedi ya Seetebosigo e rogwa.
A re, karata eo, e e bitswang Poso Card, e ya go dirisiwa ke bagodi, bagaka ba ntwa le batlhoki go amogela madi le go ipeela madi a ba tla bong ba sa batle go a tsaya. Rre Ramatlhakwane a re, mo bogautshwaneng jo bo sa fediseng pelo, karata e tla dirisiwa gape go reka dijo le motlakase mo marekisetsong le gone go duela metsi.
O supile fa madi a ya go tsena dikgwedi tse tharo ka tatelano, le fa motho a sa a tseye, go nale ka fa go neng go dirwa ka teng mo dibukaneng, mo madi a neng a boa fa motho a sa a tseye mo kgweding.
O tsweletse a tlhalosa fa motho a ka kgona go tsaya madi mo posong nngwe le nngwe kwa a leng teng. A re, karata e, e a go dirwa mahala mme fa e latlhegile kgotsa mong wa yone a sa e bone kana mabaka mangwe fela, o tla ntsha P22.00 gore a dire e nngwe.
O ba rotloeditse gore nako nngwe le nngwe fa ba tsaya madi kwa posong, ba netefatse gore ba neelwa pampiri ya sesupo sa dituelo gore ba tle ba kgone go itse gore ba saletswe ke bokae.
Fa a tlaleletsa, mookamedi wa diposo tsa kgaolo ya Legare, Mme Tebogo Kowa o tlhalositse fa ba bone gole botoka gore ba dire dikarata ka gore dibukana di a sokodisa ka di kgona go tsaya lebaka le leelele di fedile go bo go sa amogelwe go emetswe tse disha, a tlatsa ka gore gape go dira dibukana go a tura.
Mme Kowa a re, bukana ga e a babalesega ka dirukutlhi gantsi di kgona go di tsaya ba bo ba tsaya madi kwa posong, ba tlhalosa fa mong wa bukana e le nkukuagwe kgotsa rragwemogolo.
A re, bosupi jo bo dirisitsweng mo dibukaneng ga bo kgone go bonwa gore ke jwa ga mang ka matlho, mme maranyane a a yang go dirisiwa mo karateng a tla thusa go supa gore monwana ke wa ga mang. Ba kopile morafe gore o nne o tla ka dibukana fa batla go amogela go fitlhelela ba emisiwa.
Go le pele fa a amogela morafe kwa kgotleng kgolo ya ga mmangwato, mothusa motshwarelela bogosi ja ga mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o supile fa a itumeletse kokoano e kgolo ya bagolo ba ga mmangwato. O ba kopile gore ba tswelele fela ba nne ba tla ka boidiidi jo bogolo le mo diphuthegong ,a tlhalosa fa seriti sa kgotla se le mo go bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Otshidile Kebalemoge
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Apr 2014