Breaking News

Baeti ba kopilwe go tshepha thapelo

16 Apr 2014

Moruti wa kereke ya Lentswe la ga Dafita kwa Kanye, Rre Motlasuping Mponang, o  kopile baeti  segolo  jang bakgweetsi go  tlhokomologa nnotagi, go dirisanya sentle mo ditseleng le go ipaya fa  pele ga Modimo pele ga ba tsaya leeto ka malatsi a paseka.

O buile jalo mo potsolosong kwa Kanye bosheng. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go itse fa konokono ya malatsi a paseka e le go rapela, eseng go ijesa monate o go le gantsi o felang ka botlhoko gongwe o gapile matshelo a bangwe.

A re bakgweetsi le baeti ba  kope Modimo  go ba sireletsa fa ba tsaya leeto gore a thibose dikgoreletsi tsotlhe mo ditseleng mme gape a ba kopa go leboga fa ba sena go goroga.

Moruti Mponang o bile a kopa batsadi go kopa bana ba bone go etela dikereke ka malatsi a paseka go ipaya fa pele ga Modimo gore o ba sokolole, o ba tlogedise mekgwa e e duleng mo tseleng.

O file sekai ka banana ba ba bonwang mo marekisetsong a bojalwa mme a ba kopa gore ba tlogele dinotagi, ba inaakanye le dingwe di sele tse di ka ba ntshang bodutu ka go ba solegela molemo.

Moruti a re seo se ka fokotsa metsamao mengwe ya bone e e sa tlhokafaleng, e gole gantsi e ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.    Mongwe wa ba tsamaya- ka- dinao, Rre Peter Mheetwa, ene o tshwentswe ke gore batho segolo thata banana, ba tlhoka go iketla, segolo thata  ka  malatsi a boitapoloso, selo se a  reng se felela se ba bakela dikotsi a tlhalosa fa bontsi  jwa  bone ba abo ba le mo maibing a dinotagi.

A re fa dipatlisiso di ka dirwa go ka fitlhelwa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole.

Rre Mheetwa a wetsa ka go kopa ba sepodise go ema ka dinao go baya seemo seo leitlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Apr 2014