Ba le bararo ba golotswe
16 Apr 2014
Makaseterata wa Molepolole, Rre William Modise o ntshitse taolo ya gore borre ba le babedi go tswa mo go ba batlhano ba basekisiwa, ba na le kgang e ba tshwanetseng go e arabela fa pele ga lekgotla mabapi le molato wa go tsoma ba bo ba bolaya phologolo ya naga e e sireleditsweng.
Makaseterata Modise a re morago ga go sekaseka kgang e, o ne a lemoga fa bosupi jwa puso bo tsepame go na le jwa baiphemedi mme Oeme Dithapo wa dingwaga tse di 39, wa kgotla ya Mokati kwa Takatokwane, Diphetogo Kebarutile wa dingwaga tse 35, wa Ditshegwane le Bareedi Babui wa dingwaga tse 29, wa Salajwe, ba sa tsaya karolo mo molatong o ba o lebisitsweng, kwa ntle fela ga gore bone ba ne ba thusa mo go bueng phologolo.
“Go tlaabo go sa siama gore basekisiwa ba bararo ba ke setseng ke ba nankotse ba arabele molato oo ka gore, le bosupi jwa puso ga bo kae fa ba tsere karolo mo molatong ntle fela le go tsaya karolo mo go buiweng ga phologolo eo. Se se rurifatsa fa ba fitlhetse molato o setse o dirilwe o eleng go tsoma le go bolaya,” Mmakaseterata Modise a tlhalosa.
O ne a golola basekisewa ba bararo bao mme a tlhalosa fa Ketlogetswe Morupi wa dingwaga tse 38, wa moraka wa Mothate le Ponego Motlhabane wa dingwaga tse 32, wa kgotla ya Mabudi kwa Takatokwane, botlhe ba sa bereke, bone ba tla arabela molato wa go tsoma ba bo ba bolaya photi.
Go ya ka ba bosekisi, e ne ya re kgwedi ya Sedimonthole ele malatsi a le masome a mabedi le bobedi, kwa morakeng wa Dikole mo kgaolong ya Kweneng, basekisiwa ba dumalana mmogo, ba ne ba tsoma ba bo ba bolaya go se ka fa molaong photi, e e leng nngwe ya diphologolo tse di sireleditsweng ka molao wa diphologolo wa Botswana e bile ba sena teseletso ya go bolaya phologolo eo.
Rre Modise o ne a tlhalosetsa Morupi le Motlhabane fa ba na le tshwanelo ya go itlhopela go ntsha bosupi jo bo ikanetsweng kgotsa bo sa ikanelwa kana go didimala fela.
“Masupi ao otlhe a na le bokete jwa one. Mo bosuping jo bo sa ikanelwang mosekisiwa ga a botsolotswe ke ba bosekisi kgotsa lekgotla, fa jo bo ikanetsweng ele jone bo tsewang bo tlhomame ka gore mosekisi kgotsa lekgotla le a botsolotsa go rurifatsa kgang. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a mosekisiwa o file bosupi kgotsa nyaa, o na le tshwanelo ya go ipiletsa basupi fa a batla,” Mmakaseterata Modise a bolela.
Basekisiwa boo babedi ba ne ba bolelela lekgotla fa ba tlaa fa bosupi jo bo ikanetsweng. Morupi o ne a re o tlaa bitsa mosupi a le mongwe fa Motlhabane ene a re o tlaa bitsa ba le bararo. Kgang e etla tswelela gape kgwedi ya Motsheganong e le malatsi ale lesome le boferabongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko
Date : 16 Apr 2014