Batswana ba gakolola go ipabalela
16 Apr 2014
Mogolwane wa ofisi ya sepodisi kwa Letlhakane, Superintendent Robert Mack, o kopa Batswana gore ere ba ipaakanyetsa go ya dipasekeng ba tsamaye ba babalesegile e bile ba itlhokometse mo ditseleng.
Rre Mack a re ba sepodisi ba tlaabo ba le mo ditseleng dingwe tsa lefatshe ka bophara go laola pharakano le go itsa mosuke oo sa tlhokafaleng.
Ramapodise Mack a re ba tla ela tlhoko gore melao ya tsela e a obamelwa, jaaka go gagamaletsa molao ba ba kgweetsang ka lebelo le le kwa godimo, go dirisa nnotagi motho a kgweetsa le go sa tsenyeng lebante la ipabalelo.
Ka jalo, Superintendent Mack o kopa Batswana gore pele ba ka tsaya mesepele ba tlhomamise gore dikoloi tsa bone di mo seemong se se itekanetseng go ka tsaya mesepele, go itsa dikotsi tse di ka diragalang mo tseleng.
O tsweletse a kopa gore pele batho ba emelela mo malwapeng a bone ba rurifatse gore ba tlogela bonno jwa bone bo sireletsegile le gone go inaakanya le mekgatho ya ntebele ke go lebele go thusa go tlhokomela malwapa a ba ba seyong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 16 Apr 2014