Breaking News

Morafe o nyoretswe ditlhabololo

15 Apr 2014

Morafe wa metse ya Maitengwe, Dagwi, le Changate mo kgaolong potlana ya Tutume  e rile bosheng ba lekodisa mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, ka matshwenyego a ba kopanang le one mo metseng ya bone ka go farologana.

E rile a amogela baeng le beng gae, Kgosi Gabadzo Jackson wa motse wa Changate, a re ga ba a tsoga ka tsela e e tshwaraganyang motse wa Changate le Nkange, ka e baya matshelo a bone mo diphatseng.

A re, tsela eo e baka dikotsi ngwaga le ngwaga, jalo ba kopa gore e tshwelwe sekontere. Kgosi Jackson o tsweletse a re, tsela eo gape, e tsaya lobaka lo loleele e sa gopiwe ntswa ba tshephisitswe gore e tla nna e gopiwa kgapetsa-kgapetsa.

A re, ga ba na koloi ya kgotla le fa e le ya kokelo, jalo a kopa puso gore e ba sekegele tsebe mo letlhokong leo. O boletse gore go nale  letlhoko le le kwa godimo la boroko jwa badirela-puso, a tlatsa ka gore le one madi a a fiwang ba ba berekelang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlhabololo, ga ba a bone.

Kgosi Jackson o tlhalositse gore motse wa Changate o kgakala le ditlamelo, ka jalo o tshwanelwa ke gore badirela-puso ba ba berekelang teng ba fiwe madi ao. Le fa go ntse jalo, Kgosi Jackson o lebogetse motlakase o o phatlaladitsweng le motse.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa motse wa Dagwi Rre Otlogetse Gobela, a re,  ga ban a koloi ya kokelo, mme se, ke sekgoreletsi mo baoking ka go sena se ba se dirisang go isa balwetse kwa sepateleng.

Rre Gobela o tlhalositse fa terata e e kgaoganyang mafudiso e fedile mme a kopa puso go ba fa seporo go thibela dikgomo go tlola. O lebogetse mananeo a puso ka go farologana a re, puso e a leka go ba thusa , mme  a tlatsa ka gore le bone fela jaaka ba Changate ba lela ka letlhoko la koloi ya kokelo le ya kgotla.

Modulasetilo wa motse wa ditlhabololo wa Maitengwe Rre Tiapo Tshara ene o ikuetse ka morafe wa Zimbabwe, yo a reng o setse e bile o ba hupetsa ka dipalo tse di kwa godimo.

Rre Tshara a re,  matlo a bone a komiti ya ditlhabololo tsa motse ga a dire dipoelo ka badirela- puso ba ba nnang mo go one ba kolota madi a fetang dikete tse di robang bobedi tsa dipula.

Rre Batshu o arabile mangwe matshwenyego a bone ka gore puso e santse e tlhaelelwa ke madi, ka jalo e tla dira gotlhe mo e ka go kgonang go gopa ditsela. A re, mo kabong ya madi ya lefatshe, ga gona tsela ya Changate kana ya Dagwi e e tla a tshelwang sekontere go fitlhelela itsholelo ya lefatshe e tokafala.

Mo go tse dingwe a re, palamente e fetisitse melao e mabedi ya go letlelela megala ya lotheka go ka fa bosupi kwa kgotla tshekelong. Rre Batshu a re, molao o mongwe o o fetisitsweng ke wa go baakanya tlhakanelo dithoto tsa banyalani. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : MAITENGWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Apr 2014