Lenaneo le tsweletse sentle
15 Apr 2014
Lenaneo la ditshingwana tsa merogo la go thusa Batswana go intsha mo lehumeng le tswa maduo a a nametsang mo kagolong ya Ghanzi.
Mogolwane o o okametseng lenaneo le, Rre Ishmael Matsau a re ba na le ditshingwana di le lekgolo le lesome le borobabobedi mo kgaolong ya Ghanzi, mme a re mo toropong ya Ghanzi di masome mane le bone.
Mo go tsone tse di masome mararo le botlhano di tsweletse sentle fa tse di lesome e le tsone di sa tswelelang.
A re gobo dingwe tsa ditshingwana tse di sa tswelela ke ka gore bangwe ba ba di abetsweng ba tlhokafetse, bangwe ba kgaoletswe metsi fa bangwe ba di tlhogetse fela tsa a swa.
A re mme ba mo lenaneong la go tsaa ditshingwana tse mo go ba ba di tlogetseng fela tsa swa ka go lebega ba sena kgatlhego mme ba tlaa di abela ba ba di tlhokang.
A re mo go tsa ba ba tlhokafetseng fa go na le mongwe wa lesika yo o ka kgatlhegelang go tsweledisa tshingwana eo ba tlaa mo e abela mme fa go sena yo o nang le kgatlhego le tsone ba tlaa di tsaa a bo ba di abela ba ba di tlhokang .
A re mo kganyeng ya tsa ba ba kgaoletsweng metsi ba kopile komponi ya metsi go ba gokelela metsi gape mme ba ba kopa gore a bo ba tswelela ba leka ka bojotlhe go duela metsi go itsa go kgaolelwa metsi gape.
Rre Matsau a re ba tlhola ditshingwana tse beke le beke go bona ka fa di tshweletseng ka teng a re mo go ba ba di tsereng ka tlhoafalo di ba tswela mosola fela thata ka ba kgona go itshetsa ka tsone mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi.
Mongwe wa ba ba abetsweng tshingwana ya merogo Mme Ditlhare Mabina a re tshingwana ya gagwe ya merogo e tsweletse sentle ka a re ga a sa tlhole a itse go reka seshabo.
A re le fa a sa rekisi mo go nametsang mme gone ga a sa tlhole a lela ka go reka seshabo ka a tsena hela mo tshingwaneng a bo ba lala ba jele.
A re mathata fela ke ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo, mme a re o lebogela ba boipelego thuso e e kana kana e ba mo neileng yone.
A re ba temo thuo ba dirisana le bone sentle ka a re fa gona le diji dingwe di ba tshwenya ba ba thusa ka melemo ntle le tuelo epe.
Mme Gaolatlhe Peelelo yo le ene e leng mongwe wa ba ba abetsweng tshingwana tse a re ene o ketefalelwa ke tshingwana e ka a re ditlhwatlhwa tsa metsi diko godimo fela thata smo ene a sa kgonneng go a duela a re ke gone ka moo tshingwana ya gagwe e suleng.
A re bogolo fa ba ne ba ka duelelwa sekoloto se se ko morago sa metsi ne go ka nna botoka gore ba simolole tshingwana ba sena melatsa e tle e re fa merogo e sena go gola ba bo ba rekisa ke gone a bo ba duela metsi a re ke gone fela go ka sekeng go ba ketefalele.
Rre Matsau a re o motlotlo go ema a re lenaneo le le mosola fela thata e bile a re le tlisa maduo ka a re batho ba ba le tlhwaafaletseng ba dule mo lehumeng e bile ba a tshela ka ntlha ya lone, mme o ba rotloeditse go tswara ka natla gore ba tswelele ba itshetsa ka a re mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 15 Apr 2014