Breaking News

Ba gwetlhiwa go tswelela ba ikwadisa

15 Apr 2014

Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima ba gwetlhilwe go ikitaya ka thupana go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo mo ikwadisetsong ditlhopho ya tlaleletso e e tla a dirwang kgwedi e e tlang.

Mo puong ya gagwe fa a eme ba-na-le-seabe ka lefoko kwa Masunga ka Labotlhano, Moranang a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, mokwaledi wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho la IEC, Rre Gabriel Seeletso o supile gore le ntswa banni ba kgaolo eo ba setse ba ikwadiseditse ditlhopho tsa mono ngwaga ka dipalo tse di kwa godimo, seo gase a lekana ka go santse go nale bangwe ba ba saletseng kwa morago.

Rre Seeletso o ne a supa fa go supagetse gore mo ikwadisong tse pedi tse di fetileng, batho bale 11 258 mo kgaolong ya Tati Bophirima ba  ikwadiseditse ditlhopho tse di tlang tsa setshaba, go tshwantshanngwa le ba le 10 018 ba ba neng ba ikwadisetsa tsa bofelo tsa ngwaga wa 2009.

Le fa gone go nale koketsego ya batho ba ba ikwadisitseng, o ikuetse mo go botlhe go seke ba ipona tsapa go gasa molaetsa wa botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho.Rre Seeletso o gwetlhile borre go iketleeletsa kwa matlhophelong fa ikwadiso ya tlaleletso e bulelwa kgwedi ya Motsheganong e rogwa, a tlhalosa fa dipalo tse lekgotla la IEC le di tshotseng di supa fa bomme ba di goga kwa tlhogong fa go tshwantshanngwa ka bong dipalo tsa batho ba ba ikwadisitseng.

Mo ntlheng e nngwe, o ne a lemotsha batsena-bokopano joo fa tlhagogo ya bontlhopheng ba ba sa ikamanyang le diphathi dipe tsa sepolotiki e le sekao sa fa politiki ya lefatshe leno e gola.

A re, se ga se a tshwanela go tsenya batho tsebetsebe ka gope, a supa fa mo nakong eno go nale bontlhopheng ba go nna jalo ba ba phadisanelang manno kwa palamenteng ba feta masome a mabedi.

O supile fa ba dikgaolwana tsa bokhanselara bone ba setse ba feta makgolo a mabedi.

Fa ba akgela mo mafokong a gagwe, batsena-bokopano joo ba ne ba ama dintlha tse di farologaneng tse di amanang le ditlhopho. 

Rre Mbaakanyi Smart o supile tlhobaelo ya gore lekgotla la IEC le ka tswa le tlhaelelwa ke madi ka jaana ka fa le bapatsang ditlhopho tsa mono ngwaga ka teng, go lebega go le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le ditlhopho tsa dingwaga tse di fetileng.

O kopile gape gore lekgotla leo le nonotshe maiteko a lone a go ruta batho ka botlhokwa jwa go kanoka buka ya maina a batlhophi, a re, mo nakong eno ga go lebege fa Batswana ba lemoga mosola wa go dira jalo.

Rre Wedu Bafana ene o ngongoregile ka go sa nneng teng ga matlhophelo kwa motsaneng wa Botalaote, selo se a kaileng fa se nyafaditse banni ba le bantsi go ikwadisetsa ditlhopho ka jaana ba ne ba tlamega go ya go dira jalo kwa motsaneng o o mabapi wa Toteng.

Fa a latlhela tlhware logonyana, Kgosi Mukani Mudongo wa motse wa Nlapkhwane o tlhalositse fa go le botlhokwa gore dikgosi di ipone e le banale-seabe ba botlhokwa mo mererong ya tsamaiso ditlhopho.

A re, e re ka jaana lentswe la kgosi le agelwa mosako, dikgosi di tshwanetse tsa tlhagafalela go anamisa molaetsa tebang le botlhokwa jwa go tlhopha.

A re, ba dirise dikokoano tse di tshwanang le diphuthego tsa kgotla, dintsho, le malatsi a dikamogelo tsa bogodi go gasa molaetsa oo.

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape  eleng mokhanselara wa Mapoka Rre City Kealotswe, o ikuetse mo mapolotiking go seke ba tlhapaolana fa bale mo ipapatsong.A re, go dira jalo ga go thuse ope ka sepe ka go sa arabe matshwenyego a Batswana.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Kopano ya ba-na-le-seabe ba sepolotiki

Date : 15 Apr 2014