Breaking News

Emisang go utswa batlhophi - Seeletso

15 Apr 2014

Kgaolo ya botlhophi ya Nkange ke nngwe ya tse di di gogang kwa pele ka go utswa batho kwa mafelong a sele go ya go ikwadisetsa ditlhopho.

Se se builwe ke mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho, Rre Grabiel Seeletso kwa phuthegong ya mapolotitki bosheng. Rre Seeletso a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go ikwadisetsa kwa a batlang go ya go tlhophela teng, e ka nna kwa masimo, moraka, kwa a berekelang teng kana kwa a  tswang teng.

Rre Seeletso o tlhagisitse mapolotiki go tlogela mokgwa wa bone wa go utswa batlhophi ba ba isa kwa mafelong a e seng a bone. A re ofisi ya gagwe e tshwenyegile thata ka seemo seo, ka jalo o kopile mapolotiki go tshwaraganela tiro e e masisi eo  gore botlhe ba fitlhelele maitlamo a bone.

O tlhagisitse mapolotiki ba ba dirang ditiro tsa go nna jalo go di emisa, esere motlha mongwe ba  iphitlhela ba le mo ntlong e e lefifi. A re go dira jalo ke go isa seriti sa phathi ga mmogo le bone batho ba ba emetseng kwa tlase.

O tsweletse a re mapolotiki a seka a nna sekgoreletsi mo poeletsong ditlhopho ya bofelo e e tla a simololang kgwedi ya Motshegangong e tlhola letsatsi go fitlhelela e le lesome le borobabedi.

A re go na le bangwe ba ba kukunelang bana bosigo go kwadisa batho kwa malwapeng mo go seng ka fa molaong. Rre Seeletso o kopile dikgosi le baruti go gasa molaetsa kwa setshabeng ka masetla gore ba ikwadisetse ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo.

O tsweletse a kopa mapolotiki go lebelela buka ya maina a batlhophi ka nako gore batle ba kgone go dira dipaakanyo fa go tshwanetseng ka bofefo.

Fa a mokgwa dikgab, mokhanselara Tabona Saulo wa Senete, o boletse fa kgang eo e ba tshwentse fela thata mo kgaolong ya bone, e bile o lebogela go bo ofisi ya ga Rre Seeletso e itse ka dikgang tseo.

O tlhalositse fa dikgang tseo ele boammaaruri, a re, go utswiwa batho ba ba dikobo dikhutshwane ka go okisiwa.

O kopile ofisi ya ga Rre Seeletso  go tsenya leitlho thata mo kgaolong ya botlhophi ya Nkange a re, selo seo ga se ba robatse.

Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara Dema Jesi wa Nkgange, a re,  puso e dire molao o tla a sireletsang batho ba ba okisiwang le gone go fa balaodi dithata tsa go tsaya dikgatho ka tsamaiso ya ditlhopho.

A re, fa go sena molao, go thata gore batho ba  ka tseelwa  dikgatho tsa go nna jalo ka gore yo o tsayang  batho, o ba tsaya ka madi a gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Pitso ya mapolotiki

Date : 15 Apr 2014