Breaking News

Bagodi ba lela ka botho jwa bodiredi

15 Apr 2014

Bagodi ba ikuetse mo mookameding wa diposo go kgalemela bangwe ba badiredi ka jaana ba sena tlotlo.

Ba ikuetse jalo bosheng, mo go mookamedi wa diposo, Rre Pele Moleta yo a neng a buisa phuthego ya kgotla go tsibosa bagodi ka diphetogo tse disha tsa tiriso ya karata.

Ba re ga ba jesiwe diwelang ke botho jwa bangwe ba badiri ba poso ka jaana ba sa ba fe thuso ka fa tshwanelong e bile go sena le yone tlotlo.

Ba re se se ngomolang pelo ke gore fa ba ya dituelong ba tlhola ba supula mo letsatsing ba sa thusiwe mme go sena ope yo o ba rerisang gore matsapa di a tsaya kae.

Ba supile fa bangwe ba badiri ba kgona go ba tlodisa matlho mme ba thuse balekane ba bone ba ba rometsweng ke batsadi ba bone go ba amogelela.

Bagodi ba kopile mookamedi go tsenya kgang eo leitlho, ka jaana seo se busetsa maiteko a mantle a poso morago.

Mookamedi wa lephata la Social Services Mme Radibe le ene o ne a tsene phuthegong eo mme o ne a bewa lefoko go kgalemela bommaboipelego bangwe, ka jaana le bone ba tlhokela bagodi botho. Ba re, bommaboipelego ba ba buisa fela ka nyenyefatso le ntswa ba thapetswe go thusa setshaba.

E ne ya re a tsibogela kgang eo, Rre Moleta a tlhalosa fa bosheng a ne a bitsa bokopano jwa bodiredi jwa gago go tla go itsaya motlhala. 

A re, mo dipuisanong tsa bone o ne a ba lemotsha fa ba le mo ditirong tsa bone ka ntlha ya Batswana, a tlatsa ka gore fa morafe o ka ba huralela ba tla sala mo legoeleleng.

O kopile bagodi le morafe ka kakaretso go ikuela mo mogolwaneng wa poso fa modiredi mongwe a sa ba tsaya sentle kana ba sa itumelele boitshwaro jwa gagwe.

A re, ba tseye leina la modiri yoo gore ba kgone go tsaya dikgato tse di maleba ka jaana e se botlhe ba dirang maitshwaro a a makgasa.

Rre Moleta a re, fa batsadi ba sa bege go tla a nna thata go baakanya seemo mme se tla a jwelela.

O tlhalositse fa mo tirong ya bone ba ila maitseo a a makgasa lobaibai a tlatsa ka gore bangwe ba babereki ba morafe o neng o ngongorega ka bone ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya boitsholo jwa bone.

O kopile setshaba ka kakaretso go ba thusa go alafa seemo seo, a tlhalosa fa e le maikaelelo a diposo go thusa morafe ka botho jwa maemo a ntlha. Mme Radibe le ene o rotloeditse  batsadi go ikuela kwa pele fa ba sa itumelele thuso e ba e fiwang.

A re, ba ka isa ngongorego kwa mokwaleding wa khansele kana raposo. A re, badiri ba bangwe ke bothata fela ka jaana le fa ba rutilwe ba nna ba itira maidi fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Apr 2014