Breaking News

BDF e rola mpho ya ntlo

15 Apr 2014

E ne yare ka mafelo a beke, gabo go rena boitumelo kwa lelwapeng la ga Mme Opani Romani wa Nlapkhwane jaaka ba sesole sa Botswana ba ne ba mo abela ntlo.

Go ya ka mookamela-sekolo sa thutuntsho ya masole, Brigadier Boikanyo Addanes, mogopolo wa go agela Mme Romani ntlo o dule ka masole a maemo a private a a satswang go wetsa thutuntsho ya bone.

O boleletse kokoano e eneng e tsene tiro eo fa se se diragetse morago ga leso la ga morwa Mme Romani e leng Recruit  Private Tawana Manye, yo a neng a ithutuntshetsa sesole le setlhopha seo.

Brigadier Addanes o tlhalositse fa go le mopontsheng gore leso la ga Private Manye le ne la phirimisa ditoro tsa lelwapa leo tsa go inoga mo lehumeng.

A re go bo Mme Romani a ne a letla morwae go tsena mo sesoleng go dibela lefatshe leno le ntswa e ne e le ene fela ngwana wa gagwe wa mosimane. ga se selo se sebotlana, ka jalo bagogi ba sesole sa Botswana ba ne balemoga botlhokwa jwa mogopolo wa baithuti ka Private Manyewa go agela mmaagwe ntlo.

Brigadier Addaneso ne a akgolela setlhopha seo sa masole mowa wa bone wa bopelotlhomogi le boithaopo, a re go bo ba ne ba kokoanya madi a a agileng ntlo eo go tswa modikgetsingtsa bone ke sekao sa mowa wa go kgathalela babangwe o oagilengmo dipelongtsa bone.

Go sale foo, Kgosi Thabo Maruje III wa motse wa Masunga, yo gape a emetseng kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Ntlo Ya Dikgosi o ne le ene a rolela futshe setlhopha seo sa masole, a supa fa se ba se dirileng se supa ka botlalo mowa wa tshegetsano o Batswana batswang goo-lowe ba itsege ka one.

A re tiro e edirilweng ke basesole e supakafa go le botlhokwa kateng go tsosolosa mowa wa go kgathalelana, o a kailengfa o tsweletseka go ngotlega ka monokela.

Kgosi Maruje, yo a neng a bula ntlo eo semmuso, o boletse fa mowa wa boema nosi o go bonalang o setse o atile mo malatsing a gompieno o tshwanetse wa kgalwa go mennwe phatla ka o sa supe  se tota tshaba ya Botswana e leng sone.

O ne a rotloetsa setlhopha se se neng se ithutuntsa le Private Manye go tshwara ka natla mo maitekong a go fetola matshelo a bao ba tlhokileng lesego mo setshabeng, a re se ba se diretsenglelwapa la ga Mme Romani ke se se se kitlang se lebalesega.

alatlhelalagagwe, mokhanselaraRreFarai Bonyongo wa kgaolwanaya Nlapkhwane o ne a akgolela basesole bofefo jo ba ba dirileng tiro eo ka jone.

A re go tloga ka kgwedi ya Tlhakole mono ngwaga fa Private Manye a tlhokafala go tla go tsena mo nakong ya go rolwa ga ntlo eo, e nnile nako e khutshwane thata. Rre Bonyongo a re ke sesupo sa boineelo jo bo tseneletseng jwa  mophato wa sesole o oneng o dira tiro eo.

Fa a amogela ntlo eo, Mme Romani o ne a leboga basesole go bo ba motlile matshediso ka go mofa mpho e e bogolo jo bokalo.

Ditlhabololo tse di diretsweng ba lelwapa leo tse di lopileng madi a afetang P75 000 di akaretsa ntlo ya dikamore tsa borobalo tse pedi, e na le kamore ya boapeelo le ya boitiketso, ga mmogo le kgokelo ya metsi mo lwapeng.

 Se sengwe se sedirilweng e nnile go agelela lelwapa leo ka jaana matlo a setso a mararo a aneng a le bonno jwa gaMme Romani a ne a eme fela mosebatleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Kabo ntlo

Date : 15 Apr 2014