Breaking News

Tshwaragano e ka tsisa phenyo

14 Apr 2014

Mookamedi wa sekolo sa ithutelo ditiro sa GIPS, Rre Golekanye Setume o kopile batsadi, barutabana le baithuti go pataganela go kgweetsa sekepe sa thuto.

Rre Setume a re matshego ao, ka boraro a tshwanetse a itlama go tshwaragana, a bereka a le seopo sengwe, ka seo ele yone fela tsela e e ka thusang dikolo go ntsha maduo a a itumedisang, a gakolola gore mokgwa wa go supana ka menwana bogolo jang fa sekolo se sa ntsha maduo a mantle, o seka wa bewa sebete ke ope.

A re ka tshwanelo tsamaiso ya sekolo e tshwanetse ya tshwaraganelwa ke ba-na le seabe botlhe ba thuto mo motseng, go tila tiragalo ya gore e re sengwe se sa tsamaya ka fa go neng go solofetswe, bangwe ba bo ba emela fale, ba supa ba bangwe ka menwana.

Rre Setume o ne a bua jalo kwa sekolong se se botlana sa motse wa Pole, jaaka se ne se ipelela phenyo ya maduo a lokwalo la bosupa a ngwaga wa 2013 le go rolelwa kopi e e amoganwang, e e  phadisanelwang ke dikolo tse di potlana tse di welang ka fa tlase ga sekolo se se golwane sa Batanani JSS se se kwa Mapoka.

Kopi eo, e e amoganwang e ne ya abelwa dikolo tseo ke monni mongwe wa Mapoka, rre Morris Habangana ka ngwaga wa 2010, go abelwa sekolo se se tla gaisang tse dingwe mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa, e le tsela ya go leka go rotloetsa bana, barutabana le batsadi go dira ka natla mo thutong.

Sekolo seo sa Pole, se dikile se ntshitse maduo a 93.3%, se gaisa jalo dikolo tse se gaisanyang le tsone tsa Nlapkhwane,Mapoka, Kgari le Masukwane, ka jalo sa phamola sejana seo kwa sekolong sa Kgari se eleng sone se  neng sa se tshegetsa ka ngwaga wa 2012.

Rre setume a re ba Pole ba kgonne seo ka go bo ba ne ba tshwaragane, ba tlhaloganya se ba se batlang, a gatelela botlhokwa ja gore sekolo se bulegele mongwe le mongwe, go na le gore batsadi ba bo ba tshaba go atumela sekolo ka mabaka mangwe mme seo se dire gore ba retelelwe ke go ntsha dikgakololo tse ba ka tswang ba na le tsone.

A re fela ba-na le seabe mo thutong, ba tshwanetse ba itse fa go le botlhokwa gore batsadi mo metseng ba rwale mokgweleo otlhe wa go ema sekolo nokeng ka ditsela tse ba ka di kgonang, ka bodiredi jo bo foo, jone bo kgona go fudusiwa nako le nako go ya go direla go sele.

Fa a lebisa mafoko kwa batsading, Rre Setume o ne a ba rotloetsa go laola bana le gore gangwe le gape ba nne ba okomela dibula tsa bana go di sekaseka le go bona ka fa ba tsweletseng ka teng, a tlatsa ka gore gape go botlhokwa gore ba nne ba botsa bana se ba batlang go nna sone fa ba wetsa dithuto.

A re seo ka bo sone, se tla supa fa ba na le kgatlhego mo thutong ya bana, mme se ba tiise moko go dira ka natla go diragatsa ditoro tsa bone. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekolo sa Pole, rre Nutu Nthonamo a tlhalosa fa tshwaragano e e renang gareng ga batsadi le barutabana, e le yone a dirileng gore sekolo se bo se ipelela phenyo eo.

A re o itumedisiwa ke ka fa batsadi ba Pole ba tsibogang ka teng fa komiti ya gagwe e ba mema phuthego.

Mogokgo wa sekolo sa Pole, Mme Taboka Masalila o ne a supa fa sekolo seo se tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le mo metshamekong ka go farologana.

Le ene fela jaaka modulasetilo wa PTA, o ne a bolela fa ba kgonne go ntsha maduo kantlha ya kemonokeng ya batsadi, a bo a galaletsa banni bangwe ba motse wa Pole ba ba tsweletseng ka go itlhaopela go thusa sekolo seo ka didirisiwa tse di akaretsang dikhomputara le motshine o o ntsifatsang dipampiri.

Mme Masalila a re keletso ya bone ke go tswelela ba tshegeditse kopi eo go ya go ileng mme dikolo tse dingwe di utlwalele fela kwa go bone.

Fa a bua mo boemong jwa mookamedi wa lephata la thuto mo kgaolong, mogokgo wa sekolo se se botlana sa Tshesebe Mme Kenalemang Zaba o ne a rotloetsa dikolo tse dingwe go nna di ipha matsapa a go etela dikolo tse di dirang sentle, go ya go tsaya botsepa jwa ka fa ba dirang dilo ka teng. BOKHUTLO
       

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Moletlo wa go ipelela maduo

Date : 14 Apr 2014