Thuo e fetola botshelo jwa ga Keff
14 Apr 2014
Gangwe le gape go tlwaelesegile gore batho ba tswe mo metse selegaeng ba ye kwa ditoropong go ya go batla mafulo a matalana, segolo bogolo banana.
Le fa go ntse jalo, kakanyo e, e ne ya seka ya rothegela Mme Kefilwe Mosweu yo o dingwaga di masome a mabedi le borataro wa Mogorosi ka gope.
Mme Mosweu, yo o tlwaelesegileng ka leina la Keff , o ne a nna kgatlhanong le mowa wa setoropo, mme a inaakanya le go rua dipodi tsa mofuta wa setswana kwa masimong a Lesoko kwa Mogorosi.
Mo potsolotsong le BOPA, Mme Mosweu o tlhalositse fa a ne a gwetlhiwa ke letlhoko la ditiro le le apereng lefatshe leno ka bophara. “Ke ne ka seka ka phutha matsogo ke re ga gona ditiro, mme ka ikgolaganya le ba lephata la banana le metshameko la
Serowe ngwaga o o fetileng go tsaya bogakolodi ka dithuso tsa madi a banana.”
O tlhalositse gore mo bokopanong ja bone, o ne a kgatlhegela go rua dipodi ka a ne a nale boitseanape jwa thuo ya dipodi jo a bolelang a bo kwataboloditse mo go rraagwe-mogolo.
A re, o ne a atlega mo kopong ya dithuso tsa madi a a kanaka dikete tse di lekgolo mo lephateng leo ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fitileng. ”Madi a, a ne a lekane gore ke reke ditlamelo tsotlhe tse ke di tlhokang e bile ke kgonne go reka dipodi dile masome a marataro tse dinamagadi le tse ditonanyana dile pedi.”
Ka temo-thuo e le botlhokwa mo go fetoleng matshelo a Batswana, e bile e le tsela nngwe ya go godisa itsholelo ya lefatshe leno, Mme Mosweu a re, thuo e ya dipodi e fetotse itsholelo ya gagwe ga mmogo le ba lelwapa ka jaana gompieno o kgona go ba tshetsa ka go ba rekela dijo le go duelela ba ba botlana kwa dikoleng.
O tsweletse gape ka go bolela fa a thapile babereki ba le babedi go mo thusa mo thuong ya dipodi. O tlhalositse gore go nna le maikaelelo le bopelotelele mo go se motho a batlang go se dira, go ka thusa go tswelela pele ka se o batlang go se dira.
O gwetlhile banana ka ene go tlogela go nna le mowa wa gore temo-thuo e dingalo ka e nale dikgwetlho. A re, fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e nale dikgwetlho, temo-thuo le yone e nale tsone, mme fa o le mogwebi o tshwanetse wa ikemisetsa dikgwetlho dingwe le dingwe tse o ka kopanang le tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 14 Apr 2014