Tsabana ga a yo
14 Apr 2014
Bomma-bana ba ba phakisiwang dijo tsa Tsabana kwa dikokelong tsa kgaolo potlana ya Moshupa, ba ngongoregile thata ka go tlhoka go fiwa dijo tseo tse ba reng di nale lebaka di seo.
Ba buile jalo kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke tona wa botsogo, Dr John Seakgosing kwa Moshupa bosheng. Bomma-bana ba boletse fa go setse go le sebaka ba ntse ba sa fiwe Tsabana o ba boletseng a na le dikotla tse dintsi fela thata mo e bileng bana ba bone ba ne ba tsenya moko le sekale sa bone se tsamaya sentle.
Ba ikuetse mo go tona go thusa ka potlako, ba re go setse go supega mopalo mo baneng ba bone le bokete jwa mmele bo wetse kwa tlase.
Batsadi ba ne gape ba bolelela tona fa bana ba bone mo dikgwedinyaneng tseno, ba tlhasetswe ke bolwetse ja mala, fa bangwe ba nale letshololo mo Moshupa le Kanye, mme go belaetswe fa e le metsi a go bolelwang diphaephe dingwe di ne di kgotlelesegile.
Ba botsogo le bone ba kopile batsadi go isa bana dikokelwaneng fa ba bona ba simologelwa ke mala.
Le fa go ntse jalo, Tona Seakgosing o ne a dumalana le bone ka botlalo gore dijo tse di monate tsa Tsabana di fokotsegile mo go amileng dikokelwana ka bontsi, o boletse fa bana ba ba sa boneng dijo tseo sentle jaaka tlwaelo, ba simolola go bopama, a re bana ba teng ba a korobela e bile tiro ya sekole e ya kwa tlase thata , mme o solofeditse gore ba tla potlakela seemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego
Date : 14 Apr 2014