Breaking News

Bomme le banana ba ka dira diphetogo

14 Apr 2014

Modulasetilo wa lekalana la bomme mo phathing ya Umbrella for Democratic Change (UDC), Mme Rhoda Sekgororoane a re bomme le banana ba nale dithata tsa go fetola puso ka jaana ba le dipalo dintsi mo lefatsheng.

O buile jalo kwa phuthegong ya phatlatsa e e neng e rulagantswe go supa ntlhopheng wa mopalamente wa Maun Bophirima ga mmogo le bontlhopheng ba bokhanselara ka Matlhatso.

A re mafatshe a mangwe a a mabapi jaaka la Aferika Borwa a bone boikhutso ka bomme le banana ba ne ba ikemela ka dinao go fetola puso ka ba ne ba tshelela mo bokgobeng.

A re ka 1962 kwa Aferika Borwa, bomme ba ne ba ema ka dinao kgatlhanong le puso ya nako eo, mme ya re ka 1976 banana le bone ba ntsha tlhogo ba supa fa ba lapisitswe ke go gatelelwa. Mme Sekgororoane a re le mo Botswana ga go pale sepe gore bomme le banana ba ka dira jalo.

O gwetlhile bomme le banana go ikwadisa le go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo, a tlatsa ka gore, nako e gorogile ya gore phathi e e busang e imololwe morwalo ka jaana e paletswe ke go direla Batswana.

O kopile Batswana go ema UDC nokeng, ka go e neela tlhopho jaaka ngwaga ono go iwa ditlhophong tsa setshaba. A re, phathi eo, e nale baemedi ba popota ba ba ka emelang dikeletso tsa Batswana ba sa oshaoshe.

Mme Sekgororoane a re, lefatshe leno le tlhoka moeteledipele wa motia yo o berekang le batho sentle, a tsaya dikgakololo tsa bone. O kopile banni ba Maun Bophirima go tlhopha Rre Tawana Moremi yo o emetseng bopalamente. A re, o supile fa a nale bokgoni jo bo tseneletseng go ba emela.

A re, Rre Moremi yo eleng mopalamente mo nakong eno, lentswe la gagwe le a utlwala kwa palamenteng, jalo seo ke sesupo sa gore o tlhokafalo teng.

E ne ya re a lekodisa boidiidi jo bo neng bo tshologetse tiro eo, ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Maun botlhaba Rre Osimilwe Fish, a tlhalosa fa kgaolo e aparetswe ke lehuma le ntswa e humile ditsa-tlholego.

A re, letlhoko la ditiro ke selelo se se tona le ntswa puso e gakaditse selelo seo ka go emisa letsomo mo kgaolong.

Rre Fish a re, dipalo tsa letlhoko la ditiro di ile magoletsa ka batho ka bontsi ba latlhegetswe ke ditiro. O tsweletse a re, gompieno jaana Baherero bangwe ba bone go le botoka go boela ga bone  kwa Namibia ka jaana ba babaletswe ke manokonoko a lehuma.

Mokwaledi mogolo wa UDC, Rre Gomolemo Motswaledi o tlhalositse fa e rile ba simolodisa mokgatlho wa bone, ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore ba itlama go tlisa pharologanyo mo lefatsheng leno.

A re, ba ne ba supa fa ba itlama go lwantsha dikgwetlho tse di lebaneng tshaba eno, ka maikaelelo e le go bona Batswana ba tshela botshelo jo bo duleng diatla bona le seriti.

A re, ba ne ba supa gape fa ele ba UDC ba tla netefatsa gore thuto e nna ya boleng jwa bo kwa godimo, e bile e ka sologela bana molemo.

A re, ntlha e nngwe ke go netefatsa gore itsholelo e a itshetlela e bile e akolwa ke Batswana ka kakaretso. Rre Motswaledi a re,  kgaolo e tshwana ya Ngamiland e e humileng thuo ya dikgomo le ditsa- tlholego, ba ikaelela go netefatsa gore khumo eo e akolwa ke benggae.

O tsweletse a re, ba batla gape puso e e phepa, e e direlang ditsamaiso tsa yone mo pontsheng e sa tseye matlhakore le gone go netefatsa gore Batswana botlhe ba akarediwa mo ditsamaisong go sena ope yo o bewang ka fa mosing.

O kopile  Batswana ka kakaretso go tlhopha UDC mo ditlhopheng tse di tlang a re, ka thotloetso ya bone, ba ka bona phetogo mo matshelong a bone.
Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya phatlhalatsa

Date : 14 Apr 2014