Go baakanyetsa temo go tsisa maduo a mantle
14 Apr 2014
Mookamedi wa dijalo mo lephateng la temo thuo o gakolotse balemi go kabakanya temo go katolosa kgwebo ya bone.
Rre Galeitsiwe Ramokapane o buile seo kwa ketelong ya masimo a Maiswe kwa Bobonong bosheng. A re balemi ba tshwanetse go baakanyetsa temo go sa le gale ka go baakanya tshotlhe tse di tlhokegang. A re temo e fetogile ka ke kgwebo, mme balemi ba tshwanetse go itse gore pele ga ba lema ba rekisetsa mang thobo ya bone.
A re ba tshwanetse go dira ditumalano le marekisetso a tshwana le Seedco, Food Botswana le Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) pele ga ba simolola temo gore ba itse gore thobo ya bone e tla felela kae ka ba sa tshwanela go tlhoka kwa ba ka rekisang teng.
Tiro e ya go etela masimo e ne e tshwaretswe kwa tshimong ya ga Rre Tshekgane Ramosamo kwa masimong a Maiswe yo o lemileng diekere tsa mabele di le 55, tsa mmidi di le 19, tsa ditoo di le 10 mme a setse a dirile thulaganyo le ba BAMB kwa a tla rekisang thobo ya gagwe teng.
Mookamedi wa lephata le a re kabakanyo ya dijalo e tshwana le ya Lab-Lab le tse dingwe di ka thusa go fokotsa go lebagana le dijalo tse di itsegeng jaaka mabele.
Rre Ramokapane o ne a etela masimo a a farologanyeng a borre Rannana Seate, Otathusa Paya, Lesole Maruatona le a ga Ramosamo mme a kgotlhatsa fa balemi e le bone bamaitsaanape b aba tona mo temong ka e dirwa ke bone.
A re balemi ba tshwanetse go tsaya fela dikgakolo mo balemising a re temo e e dirilweng sentle e nale dipoelo gammogo le thobo e e busetsang ka go dira tse di latelang; go baakanya mmu ka nako e e tshwanetseng, le go jala dijalo tse di netefaditsweng gammogo le go tlhokomela masimo a bone ka nako tshotlhe.
Fa a ama ditlhwatlhwa a re di laolwa ke mabaka a mmaraka ka jalo go le botlhokwa gore ba dire ditlhopha tse bat la ipuelelang ka tsone ka nako ya motho go ikemela ka nosi e fetile.
O lebogetse maiteko a balemi ba Bobonong mme a supa fa thuto e santse e tlhokega thata. A re dipalo di supa fa go lemilwe diekere di le 4000 ke balemi ba 400 mme diekere di le 1000 di lemilwe ka ditselana.
O kaile fa puso e dirisa madi a mantsi go direla balemi temo a supa fa molemi yo o lemelwang diekere di le tlhano go dirisiwa P16 000, fa yo o fa gare go dirisiwa P110 000 fa molemi yo mogolwane go dirisiwa P320 000.
Rre Ramokapane o kopile balemi go emisa go jesetsa letlhaka mo masimong a re letlhaka le tshwanetse go jesediwa kwa masakeng eseng mo ditshimong ka go dira jalo go kgotela tshimo.
O rotloeditse banana go tsaya karolo mo temong a supa fa banana ba kgaolo ya Tonota botlhaba ba gatetse pele ka ba inaakantse le temo.
Fa a tswa la gagwe molemi yo o neng go tshwaretswe tiro kwa tshimong ya gagwe rre Ramosamo a re o itumedisiwa ke gore barekise ba didiriswa ba tshwana le ba Haskings ba na le didirisiwa tse di tshwanetseng balemi ba ba botlana.
Rre Ramosano a re o tshwengwa ke gore balemi bangwe ba lemela madi a ISPAAD fela ga ba batle go itshetsa. Fa mokhanselara wa kgaolo ya Bobonong Bophirima Rre Power Moupi a supile fa kafa Babirwa ba tsayang tema ka teng ba sup aba nale bokgoni ja go itirela dijo.
Rre Moupi a re sebe sa phiri ke gore ga gona ditsela tse di yang masimong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Ketelo ya masimo
Date : 14 Apr 2014