Breaking News

Lephata le tsibosa bakgweetsi ka ipabalelo tseleng

14 Apr 2014

E ne ya re ka Matlhatso ba lekalana la ipabalelo tseleng ba kgaolo ya Bokone Botlhaba, ba bo  ba tshwere bokopano jwa go tsibosa setshaba ka tsa ipabalelo tseleng jaaka go iwa malatsing a boikhutso a paseka.

Fa a amogela morafe kwa kgotleng ya Masunga, mothusa kgosi, Rre Thabo Monaga o supile fa go tlhabisa ditlhong gore banni ba bo ba sa tsena tiro eo ka bontsi le ntswa taletso e ne e dirilwe.

A re, ka jaana e se lantlha go diragala , se se tlaa tshwanelwa ke go nnelwa fa fatshe. A re o ne a solofetse gore kgotla e bo e tletse ka go ne go tsilwe go gasiwa molaetsa o o amang matshelo a batho.

Mogolwane wa sepodise sa Masunga, Rre Kgotlaetsile Oodira, o ne a ema morafe, ba dikereke le bakgweetsi ka lefoko, a supa fa maikaelelo magolo a letsatsi e le go rotloetsa botlhe go ipabalela mo ditseleng jaaka ba tlaa bo ba ya malatsing a boikhutso.

O ne a gatelela botlhokwa jwa go kgweetsa ka kelotlhoko, gammogo le tirisanyo mmogo e ntle mo ditseleng, a gwetlha bao ba ba tlaa bong ba tsere maeto go ema ba itapolosa fa ba utlwa ba tlelwa ke letsapa.

A re,  mokgwa wa bakgweetsi bangwe wa go ikgatholosa letsapa fa ba le mo loetong ke one o gantsi o bakang dikotsi tse di ka bong di ne tsa thibelwa fa ba ne ba kile ba ema go itapolosa.

O supile gape gore nnotagi ga e tsamaelane le go kgweetsa, a re go kgweetsa go itontetswe dino go setse go gapile matshelo a ba le bantsi mo lefatsheng leno.

O tsweletse a re, bapalami ba tshwanetse ba gakolola bakgweetsi fa ba bona ba sa kgweetse sentle, a re seo se ka thusa gore matshelo a bone a seka a nna mo diphatseng.

Moruti Samson Matshega o lebogetse  ba komiti ya ipabalelo tseleng go bitsa ba dikereke, a re seo se supa fa ba lemoga botlhokwa jwa Modimo mo diemong tsa go tshwana le tse.

O gateletse botlhokwa jwa go ikanya mo Modimong, a kgothatsa botlhe ba ba tlaa bong ba tsaya maeto go neela mesepele ya bone mo Modimong ka thapelo pele ba emelela.

Mokhanselara wa Masunga Rre Ronald Zwinila, o lebogile botlhe ba ba neng ba tsene tiro eo. Le fa go ntse jalo, a re, go a swabisa gore e re go na le dikereke di le masome a mane le botlhano mo motseng wa Masunga, tiro eo, e bo e tsenwe ke baruti ba le bararo fela.

A re, go sa iponatseng ga dikereke kwa tirong eo, go a tshwenya ka maloko a tsone e le one a tsayang maeto ka dipalo tse di kwa godimo ka nako ya go tshwana le e.

O ne a kopa ba ba neng ba tsene tiro eo go ya go kgaogana molaetsa le ba bangwe  ba ba  sa kgonang go tla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keneilwe Mogopodi

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Apr 2014