Ba botsogo ba malala a laotswe
14 Apr 2014
Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing o boleletse banni ba Moshaneng mo kgaolong ya Borwa gore puso e ipapanne sentle gore bolwetse jo bo bolelwang jwa segajaja kwa bophirima jwa Aferika jwa Ebola bo seka jwa tsena mo Botswana.
Tona Seakgosing yo o ebileng e le mopalamente wa Thamaga o ne a araba dipotso tsa banni ba ba neng ba na le letshogo la gore bajanala, baeti le banana ba ba tsileng go tla metshamekong ya banana e tla tshwarwang mo Gaborone ba tla tla ka bolwetse jwa mohuta oo.
Tona o ne a tlhalosa fa ba agile kokelo mo Gaborone ya makatadimetshe ya malwetse a a kotsi. Tona Seakgosing o boletse fa ba beile bodiredi jwa bone kwa maemelong a difofane le kwa dikgorong tsa melelwane gore ba kanoke mongwe le mongwe yo o tsenang gore ga ba na bolwetse kgotsa mogare wa mehuta ya malwetse a a kotsi.
O boletse fa batho ba ba belaelwang ba tlhatlhobiwa fela thata, ka jalo a kgothatsa banni gore dipelo tsa bone di seka tsa fuduega. A re bolwetse jwa teng bo tsena ka kamano ya mofufutso, moroto le mantle a motho yo o nang le jone, mme fa bo tsene motho wa teng o tswa madi gongwe le gongwe fa go nang le photlha teng.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Tona Seakgosing o ba boleletse fa maikaelelo a bone e le go godisa kokelwana ya bone go nna kokelo, jaanong tlhaelo ya madi e ba tshwere ka mometso.
A bolela gape gona le dipatela dile tlhano tsedi batlang go potlakelwa go baakanngwa le mororo madi a tlhaela, eleng sa Mochudi se se mo seemong se se maswe thata le mosuke o rothisang keledi, a bolela fa dipatela tse dinngwe e le sa Palapye, Letlhakane, Goodhope, Kasane le Moshupa. O solofeditse gore fa itsholelo e boela mo seemong sotlhe di tla dirwa.
Tona Seakgosing o kgothaditse banni ba Moshaweng go nna ba itlhatlhobela malwetse a a bofitlha jaaka madi a matona, sukiri le kankere. O boletse fa malwetse a feditse setshaba le mororo a ne a ka laolesega. O boletse fa kankere ya bomme ya molomo wa popelo le ya lebele di golela pele thata.
Tona o rotloeditse banni go tlogela dinotagi le go goga motsoko, a ba rotloetsa gape go ja dijo tse di nonofetseng go jewa le go itshidila mmele ka nako tsotlhe. O kgadile batho ba ba nwang dipilisi tsa di ARV ka bojalwa go latlha mokgwa oo, a re ga ba itirele sentle.
Fa ba mokgwa kgaba, banni ba ngongoregetse moepo wa samente le go thugiwa ga maje go dirwa konkoreite, ba re o ntsha lerole le le ntsi le le tsenyang batho bolwetse jwa kgotlholo e tona, ba bolela fa le tsela e le maswe, e na le lerole le lentsi thata.
Ba kopile lephata la botsogo go ngoka dingaka le baoki ka go ba okeletsa madinyana le go ba fa boroko jo bo siameng. Banni ba kopile mooki yo o belegisang kwa kokelwaneng ya bone le mokgweetsi wa bobedi le go oketsa kokelwana.
Kgosi ya Moshaneng, Kgosi Seate Marumo, o buile a menne phatla gore ba a nyadiwa mo metseng ya bone ka ba bidiwa dikgosana. Kgosi Marumo a re bone ke dikgosi tsa metse ya bone, go bo go nna le kgosikgolo fela. A re ga a rate go nyadiwa a bidiwa kgosana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHANENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Apr 2014