Breaking News

Borre ba le babedi ba thusa mo ditlhotlhomisong

14 Apr 2014

Borre ba le babedi ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le magatwe a gore ba tlhakanetse dikobo le ngwana wa mosetsanyana yoo dingwaga di lesome le bone, yo o  dirang lekwalo la bosupa mo sekoleng se sebotlana kwa Tsabong.

Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Keagetswe Lorato, ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e tlhola malatsi a supa.

Assistant Superintendent Lorato o tlhalositse fa borre bao ba dingwaga tse di masome a mane le boraro le masome a mararo  le borataro, e le ba kgotla ya Ikageng kwa Tsabong.

A re borre bao,  ke baagisanyi le ngwana yoo, mme o tlhalositse fa go bolelwa ba simolotse go tlhakanela dikobo le ene ngogola. Rre Lorato o supile fa babelaelwa bao, go supagetse fa ba ne ba simolola  go tlwaelana le mosetsanyana yoo ka go mo roma kwa marekisetsong, mme e re morago ba mo okise ka go mo fa madi.

O supile fa e ne ya re morago babelaelwa ba simolola go tlhakanela dikobo le ngwana yoo ka dinako le mo mafelong a a farologaneng. Assistant Superintendent Lorato o tsweletse ka go tlhalosa fa baagisanyi ba ne ba lemoga tiragalo eo, mme ba e begela mapodisi.

Rre Lorato o kaile fa mosetsanayana yoo, a nna le mmaagwe yo a supileng fa a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong. Assistant Superintendent Lorato o supile fa mo nakong ya gompieno ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo, mme e tla a re fa babelaelwa ba ka bonwa molato ba lebisiwe molato wa go tlhakanela dikobo le ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga.

Rre Lorato o ne a supa fa dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga tse kwa tlase  di tshwenya mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. O kopile batsadi le setshaba ka kakaretso go begela mapodisi dikgang tsa mofuta oo.

Mo tiragalong e nngwe, mothusa mookamela mapodise, Rre Lorato o boletse fa ba begetswe tiragalo e mo go yone go belaelwang fa  lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe, yo o  tlholegang kwa Omaweneno wa kgotla ya Herero a beteletse mosetsanyana wa dingwaga tse di masome a mabedi.

Rre Lorato o tlhalositse fa tiragalo eo, e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le marataro kwa lekeishaneng la matlo a kabo ditsha mo Tsabong. A re, bobedi joo, bo ne bo tswa maitisong kwa marekisetsong a bojalwa le ba bangwe mme ba fetela kwa maitisong a mangwe.

Mothusa mookamela mapodise Rre Lorato o kaile fa go itshupile fa mosetsanyana a ne a nole phetelela, selo se se dirileng gore go nne bonolo gore mmelaelwa a mmetelele. Rre Lorato o kaile fa ditlhotlhomiso tsa mapodise di santse di tsweletse.

Rre Lorato o gakolotse setshaba, bogolo jang banana go nwa ba itekanyetsa, ka go iphetisa dino go le diphatsa, a tlatsa ka gore e re ba tswa maitisong ba tsamaye le bapati ba ba tshephegang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Pego ya mapodisi

Date : 14 Apr 2014