Breaking News

Mabala a metshameko a butswe

14 Apr 2014

Mothusa ratoropo ya Selebi Phikwe, Rre Odirile Kelebetse, e ne yare ka Matlhatso a bula semmuso mabala a metshameko le itloso bodutu kwa toropong eo.

Mabala a, a akaretsa a basketball, tennis, volleyball, bolotloa le a mangwe. Rre Kelebetse o ne a tlhalosa fa lebogela sebaka se a se filweng go nna le sebaka sa go rolela semmuso banni ba toropo ya Selebi Phikwe mabala a metshameko le itloso bodutu.

Rre Kelebetse, gape e le mokhanselara wa kgotla ya Hospital/Meriting, a re o itumelela gore e le ba toropo ya Selebi Phikwe dikeletso tsa bone e ne e se ditoro fela ba ne ba na le maikaelelo. A re mabala a metshameko le itloso bodutu a tla tlhabolola metshameko ya banana jaaka e le keletso ya ba Botswana National Sport Council.

A re ba itumelela gore ba bo ba na le seabe mo go godiseng banana, a tlatsa ka gore ba toropo ya Selebi Phikwe ba itumelela tshwaragano ya bone le ba Botswana National Sports Council go tlhabolola banana mo go tsa metshameko ka e ka ba dira gore ba ikgaphe mo dilong tse di duleng mo tseleng jaaka go nwa majalwa, bogodu le gore ba nne ba itekanetse mo mmeleng.

O ne a re o solofela gore bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa godimo le ba ba sa tseneng sekole ka mabaka ape fela batla dirisa ditirelo tse ka botlalo. Rre Kelebetse o ne a re o solofela gore ditlamelo di tla a dirisiwa le go tlhokomelwa ke bana le seabe botlhe.

E rile a tswa la gagwe moanamisa mafoko wa lekgotla la Botswana Tennis Association, Rre Trevor Modise, a re ba lebogela ditirelo tse ka jalo di tsile ka nako e maleba, e lefatshe la Botswana le tshwereng ka thata go tlhabolola metshameko go simolola ka bana ba ba sa ntseng ba le kwa tlase ka dingwaga.

O ne a re toropo ya Selibe Phikwe e humile bana ba ba nang le ditalente mo go tsa metshameko.   Rre Mthandazo Sibanda go tswa kwa lekgotleng la tlhabololo metshameko o ne a rotloetsa bana ba ba neng ba tsene pulo semmuso ya mabala go nna le lerato la go nna ba tla mabaleng ka go ka ba thusa mo go sidileng ditlhaloganyo tsa bone.

A re e le bakatisi ba metshameko ya tennis ba bone go le botlhokwa go ruta bana motshameko o ba sale bannye, ka go tsaya nako go tshwara tshameko ya one go tswa kwa moding.

A re metshameko e ka nna sengwe sa dilo tse motho a ka itshetsang ka tsone mo botshelong, a tlatsa ka gore toropo ya Selibe Phikwe e tshwere talente ya batshameki ba tennis a fa sekai ka lekawana la Innocent Tidimane yo o tshamekang mo setlhopheng sa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le bosupa.

E ne yare a fa malebo, mothusa mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Shadreck Selelo a re o leboga lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le motshwarelela  tona  ya merero ya ofisi ya ga tautona, Rre Shaw Kgathi, ka go nna le seabe mo go thuseng go aga ditlamelo  tse mo toropong ya Selebi Phikwe.

Mabala a metshameko a ne a agiwa ka madi a a ka tshwarang P1.2 million. Rre Shaw Kgathi ke ene a neng a simolodisa go agiwa ga mabala a ngwaga o o fetileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Pulo semmuso ya mabala

Date : 14 Apr 2014