Temo e e tlhabolotweng bokamoso
13 Apr 2014
Mookamedi wa lephata la dijalo, Rre Galeitsiwe Ramokapane o kopile balemi ba kgaolo ya Serowe borwa go inaakanya le methale ya temo ee tlhabolotsweng.
O buile se kwa pulo semmusong ya letsatsi la balemi ba kgaolo eo bosheng kwa masimong a Bobothakgama kwa balemi ba neng ba kopanetse teng go neelana maele ka methale ya temo.
Rre Ramokapane o tlhalositse fa tiriso ya methale ya temo ee tlhabolotsweng go oketsa thobo, selo sea reng seka tokahatsa matshelo a batho ka jaana le tlala e tlaabo e sa nne teng. A re puso e eme balemi nokeng ka jalo ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba lema dijo tse dika tshetsang lefatshe leno.
O akgoletse balemi ba Serowe borwa gobo ba setse ba simolotse go dirisa methale e mesha jaaka go lema ka ditselana mme are gago ise go lekane ka gore kgaolo ya bone ena le lefatshe lele ntsi le lesa dirisiweng. O gwetlhile banana lebo Mme go inaakanya le temo abo a tlatsa ka gore faba tsena mo temong go batla ba ititeile sehuba
Rre Ramokapane are lephata le ikaelela go tokahatsa go isa ditlamelo kwa setshabeng ka go dirisa dikompone tsedi ikemetseng le gone go dirisa balemisi baba tlogetseng tiro mme ba santse baka bereka.
Fa batswa la bone balemi ba kgaolo eo ba supile fa ba santse ba tlhaela kitso ee tseneletseng ka temo mme ba akgola balemisi gore ba bereka ka thata goba ruta go lwantsha diji le mohero.
Ba akgoletse puso go akaretsa go thusa balemi ka dichefi tsedi lwantshang mohero mo lenaneong la ISPAAD ka go supega fa Batswana jaanong basa tlhole ba batla go bereka kwa masimo.
Baemedi gotswa kwa koporaseng ya balemi ya MOSISEDI ba kgothaditse ba serowe borwa go tshwara ka thata mme bare go botlhokwa gore ba ikopanye mme ba itirele thuto-seka dipuisano ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Ba supile fa tiriso ya didirisiwa tsedi lebanyeng ele botlhokwa fela thata le gone go sala ditaelo tsa balemisi morago ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : SEROWE
Event : Letsatsi la balemi
Date : 13 Apr 2014