Ba Dutlwe ba maoto a tshupa go tsena diphuthego
13 Apr 2014
Kgosi ya Dutlwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Motshegetsi Puleng o supile fa a sa itumedisewe ke go tlhoka go tsibogela diphuthego tsa kgotla ke morafe.
Kgosi Puleng o ne a bua se mo potsolotsong bosheng. O boletse fa kwa kgotleng e le gone kwa go buelwang dikgang di akaretsa ditlhabololo tsa motse le matshwenyego otlhe a banni, a bolela fa mowa o mo tshwenya fela thata ka go lebega o gola mme ebile a tshogela le gore se e tlaa tla go nna thuto e e maswe mo baneng.
O kopile gore go itsosiwe ka jaana go tlhabologa le go tswelelapele ga motse wa Dutlwe go le mo maruding a beng gae mme ebile go se ope osele yo a ka tswang kwa ntle go tla go ba direla.
Mo go tse dingwe, Kgosi Puleng o ne a ne a lela ka tlhaelo ya ofisi mo kgotleng ya gagwe, a bolela fa mo nakong eno ba patelesega go direla mo sekhuruntlhwaneng sa kamore tse pedi, e le ene, mokwaledi wa gagwe, mapodisi a matlhano, bana ba
Tirelo setshaba ga mmogo le gone gore go bewa le didirisiwa tse e leng disupiwa mo go yone kotoisi e mo jaanong le botsogo jwa bone bo setseng bo le mo diphatseng tsa go gobadiwa ke dingwe disupiwa.
O ne gape a supa ngongora mabapi le sebaka se se leele se se tsewana ke puso go emisetsa bodiredi jo hudusitsweng ka tiro kwa motsing oo, a fa sekai ka mokgweetsi wa koloi ya kgotla mo motsing oo yo a saleng a huduswa mme le jaana a ise a emisediwe mme ka jalo seo se ba pateletsa go jaka mokgweetsi kwa bokgakaleng jwa Tsetseng, kgang e e ba berekisang bokete go menaganye ka ba nna ba saletse morago mo go direng tiro.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Kebobeile Lekgowe ene o ne a bolelela BOPA fa ditlhabololo mo motsing wa Dutlwe di tsamaya sentle le gore mananeo otlhe a ba neng ba a abetswe go a dira ka lenaneo la Ipelegeng ba a weditse.
O boletse fa a itumelela tirisanyo mmogo e e teng magareng ga dikomiti tse dingwe mo motsing le komiti ya VDC le morafe wa motse ka kakaretso, a tlatsa ka gore le go tswa kwa sekolong se se botlana sa motse go na le tshwaragano e ntle ka mogokgo a aga a ba lekodisa ka tse di ba tshwenyang mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka tharabololo ba le mmogo.
Modulasetilo Lekgowe fela o ne a lela ka tlhaelo ya maroko a bodiredi bongwe mo motsing bo akaretsa baoki, molemisi le ba boipelego mmogo le yone tlhaelo ya diofisi tse bodiredi joo bo direlang mo go tsone.
Lefa go ntse jalo o ne a bolela fa komiti ya gagwe e na le kago ya ntlo ya dikamore tse tlhano e ba kopang puso go e hirisetsa bodiredi jo bo tlhokang joo go tokafatsa seemo.
Mme Lekgowe o ne a supa selelo sa go tlhoka go duelwa sentle ke bangwe ba batho ba ba hirisitseng matlo a komiti ya VDC, a supa fa mo nakong eno komiti ya gagwe e kolotwa madi a a fetang P6000 mme ba kile ba isa boikuelo kwa lekgotleng go thusiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 13 Apr 2014