Moseki ke moagi wa popota
13 Apr 2014
Dikgwedi di fera bongwe tsa boimana, ditlhabi tsa botsetsi, kutlobotlhoko ya go tlhokafalelwa ke ngwana o bo o akanya gore bomme go sengwe se se ka ba palelang, ke phoso e kgolo. Mopaki wa kgang e ke Mme Monica Moseki.
Mme Moseki ke mme wa moagi yo o tlholegileng dingwaga tse di masome mane le borataro tse di fetile kwa Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi mme mo go seno sebaka a direla kwa Tsabong.
Mme Moseki o simolotse a direla mo malwapeng mme fela lerato la go itirela ka diatla la mmitsa. O tlhalosa fa a tsene mo tirong e dingwaga tse nne tse di fetileng ka go ithuta mo bathong. A re go simologile fela fa moagi a se yo mme a tsweledise go aga le fa a ne a eta a senya fale le fale.
A re ka thotloetso ya badiri ka ene o ne a tswelela ka go tokafala mme a sa ntse a bewa leitlhoo ka e sa ntse e le moithuti.
A re letlhoko la ditiro ke lone le mo gwetlhileng go tsena mo tirong ya mofuta o, a supa fa a ne a sa batle go bona bana ba gagwe ba aja mabogo a dijesi, fa ene a ntse fela ka diatla le ntswa go na le se a ka se dirang go ithusa le ba lelwapa la gagwe. A re tiro e e bokete fela thata fa o sa ntse o e simolola mme fela ka tsamao ya nako mmele o a tlwaela.
O ne a re bone e le bomme ba lebanwe ke dikgwetlho tsa mmele o o sa nonofang jaaka wa borre, tsa botsogo le boikarabelo jwa kwa lwapeng mme fela ene ga a letlelele seemo se go mo ema pele mo tirong ya gagwe, ka a batla go itshetsa le bana ba gagwe ba bane.
Mo baneng ba, ba le babedi ba tsena sekole mme ba bangwe ba babedi ba setse ba se feditse. O tlhalosa fa ba lelwapa lwa gagwe ba se na bothata le tiro e a e dirang mme e bile ba mo rotloetsa thata mo go yone.
“Ke mme, ke na le boikarabelo jo bontsi bo tshwana le go tlhaokomela lolwapa le go dira tiro ya mme, ka jalo ke kgaogantse nako ya me, go na le nako ya me le ba lolwapa lwa me le nako ya me ya go bereka,” a tlhalosa.
O ne a tlhalosa fa dikgwetlho tse dingwe di akaretsa tsa madi, a re go batho bangwe ba ba sa dirisaneng le bone sentle e le bomme fa go tla ka fa go dueleng, ka jalo se se thatafatsa tiro ya bone le go ba kgoba marapo.
A re go dira tiro e go batla gore o bo o le pelotelele le boikobo ka gangwe le gape o ka tlhoka kutlwisisano le mhiri.
A re gantsi go nna le diphapaano fa gare ga se mhiri a se batlang le se mokwalo o se supang mme fela o tshwanetse gore kwa bofelong o bo o tsere tshwetso e e tlaa kgotsofatsang botlhe.
Go supa fa mme Moseki e le mme yo o nang le boikarabelo le tebelopele, o ne a tlhalosa fa a batla go ipolokela madi gore a tle a kgone go ikisa sekoleng go ya go ikoketsa e seng fela go tlhola a ntse ka fa tlase ga moriti a emetse gore puso e mo tshele metsi mo ganong.
O supa fa maikaelelo a gagwe e le gore ka lengwe la malatsi a bo a na le kgwebo ya gagwe, a thapile batho go ba fokotsa mo mebileng.
O fetsa puisano ka mantswe a tletseng go itshepha le boikarabelo.
O ne a gwetlha bomme botlhe go simolola go tsaya boikarabelo.
A re go simolola fela ka go kgona go itseela ditshwetso.
A re bomme ka bontsi ba emela borre gore ba ba akanyetse mme fela se se ketefatse tiro e ba tlaa bong ba e dira, ka lorato lwa bone lo se yo mo go yone.
O ne a supa fa go sa tlhole go na le tiro e go tweng ke ya borre, a supa fa bomme le bone ba na le bokgoni le dithata fela jaaka borre go dira tiro ngwe le ngwe e ba ka e kgatlhegelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : TSABONG
Event : Polelo ka motho
Date : 13 Apr 2014