Breaking News

Palo ya ba-ema-nosi e godile

13 Apr 2014

Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Rre Dintle Rapoo o supile fa  dipalo tsa mekoko kana ba-ema-nosi mo ditlhophong di oketsegile.

Rre Rapoo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Hukuntsi bosheng. A re go setse go ikwadisitse ba-ema-nosi ba mapalamente ba le masome a mabedi mme mo ditlhophong tse di fetileng go ne go ikwadisitse ba le lesome le bobedi, fa ba makhanselara ba le lekgolo, masome a a ferang bongwe le boferabobedi kgatlhanong le lekgolo, masome a mabedi le bone ka ditlhopho tsa 2009.

O kopile tirisanyo mmogo a bo a tswelela ka go kgothatsa banana go ikwadisa ka dipalo di supa fa ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho  ntswa e le bone baeteledipele ba kamoso.

O kopile maitshwarelo  mabapi le tiego ya ipaakanyetso ditlhopho e e bakilweng ke gore go ne ga nna le palo batho e e dirwang morago ga dingwaga tse some ka 2011. O ne a tlhalosa gore kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi le yone ke nngwe ya dilo tse di dirileng gore ipapatso ya bone e diege.

Rre Rapoo a re ipapatso ya ditlhopho tsa monongwaga e nnile lolea mabaka e le letlhoko la madi kwa ofising ya IEC. O tlhalositse fa ba ne ba tsibogela seemo sa gore Batswana ga ba a ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang ka go ikwadisitse fela ba le 666 886 fa IEC e ipeetse seelo sa  sedikadike   ka Batswana ba ba mo seemong sa go tlhopha ba le 1.4 million.

A re e rile go lemoga se ba rulaganya tlaleletso ya ntlha ya  ikwadiso ditlhopho e e gogileng malatsi a le some e le yone e neng ya seka ya kgona seelo sa bone.

O tlhalositse gape fa IEC e bonye go le maleba go rulaganya tlaleletso ya bobedi e bile e le ya bofelo ya ikwadisetso ditlhopho e e tlaa simololang  Motsheganong a rogwa go fitlhelela a tlhola lesome le bobedi.

Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa ofisi ya ditlhopo ya Kgalagadi, Mme Francinah Moeletsi,o supile fa dibuka tse di supang ba ba ikwadisitseng  di le teng mo dikgotleng mme a rotloetsa batho go di tlhola go bona gore a maina a bone a kwadilwe sentle mme e re go sa nna jalo ba dire dipaakanyo nako e sale teng.

A re ba dirile maiteko a go rotloetsa banana go tlhopha ka ba tlhomile monana yo e tlaa reng ka nako tsa diphuthego a bo a le teng go ema banana pele ka lefoko mabapi le mosola wa go ikwadisa le go tlhopha.

Bagolo ba motse ba supile fa ba belaela gore  kgaoganyo e ntsha ya melelwane ya ditlhopho e na le seabe mo go sa ikwadisetseng ditlhopho ka dipalo tse di utlwalang ga batlhophi ka ba sa itumedisiwe ke ka fa go kgaogantseng ka teng.

Fa a ntsha la gagwe,  Rre Famber Tshiamonyane o supile ngongora a re ditlhopho di tshwarwa letsatsi le le lengwe fela mme se se baya ba ba tshwaregileng ka mabaka a a farologaneng ka fa mosing.

O rotloeditse banana go ikwadisetsa ditlhopho ka a re go supa kgolo mo mothong le boikarabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gontse Mokgethisi

Location : HUKUNTSI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Apr 2014