Ba gakololwa go itisa mo dilalomeng
13 Apr 2014
Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Amos Kekgathetse o gakolotse banni go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe gore ba seka ba iphitlhela ba tshelegetswe ke madi a kgofa mo ditiragalong tsa burukutlhi.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kekgathetse a re go le gantsi ba gatisa dikgang tsa petelelo tse di diragalelang bomme ba ba tsamayang ba le nosi bosigo kgotsa ba buledisitswe go tswa maitisong ke batho ba ba sa ba itseng, mme e re kwa pele batho bao ba itseele dikobo ka dikgoka.
A kopile bomme go itlwaetsa go tsamaya le batho ba ba ba tshephang fa go le bosigo. O kopile gore batho ba emise go thapa batswakwa, bogolo jang ba ba se nang diteseletso ka gore batho ba teng fa tiro e fela, ba sa tlhole ba na le madi a go itshetsa, ba inaakanya le bogodu mme ba senyetse bone bathapi ba bone.
A re seemo se a tshwenya, bogolo jang ka go se motlhofo go tshwara dilalome tseo. O gakolotse gape gore batho ba inaakanye le lenaneo la ntebele ke go lebele gore ba kgone go thusana fa ba tlhasetswe ke magodu.
A re le ntswa dikgang tseo di le boutsana mo kgaolong ya gagwe mo nakong eno, batho ba seka ba itsapa go inaakanya le lenaneo leo ka ga ba itse gore ba ya go tlhaselwa leng.
Rre Kekgathetse o gakolotse batho gore ba nne ba tshwaya dithoto tsa bone gore go nne motlhofo go di kaya fa mapodisi a di bone mo dirukutlhing. A re go le gantsi mapodisi a nna le mathata fa ba tshwanetse go busa dithoto tsa batho ka go se na bosupi bope jwa gore ke tsa bone.
O boletse gape gore batho ba nne ba baya dithoto tse di tshwanang le megala ya letheka mmogo le dibalamakgolo sentle fa di ka se keng di bonaleng motlhofo teng.
E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Sojwe a bone koloi e e neng ya begwa fa e utswilwe kwa kgotleng ya Parwe kwa Mahalapye. Koloi eo, e go lebegang e thudile, e tlogetswe mo tseleng ya Molepolole/Sojwe.
Rre Kekgathetse a re ga go na ope yo o tshwerweng mabapi le tiragalo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Lephojane
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 13 Apr 2014