BDP e roma Dow kwa Mochudi Bophirima
13 Apr 2014
E re ka ngwaga ono e le ngwaga wa ditlhopho, diphathi tsa sepolotiki di tsweletse ka go supa bo ntlhopheng ba tsone.
E rile a supa ntlhopheng wa bo palamente wa kgaolo ya Mochudi Bophirima le makhanselara ka Matlhatso, mothusa tautona wa pele, Lt Gen.Mompati Merafhe a tlhalosa fa ipapatso mo ditlhopong e le selo se se botlhokwa mme o ne a kopa maloko a phathi ya Domkrag go bapatsa ntlhopheng wa bone.
A re o na le tsholofelo ya gore kgaolo ya Mochudi Bophirima e ya go nna kgaolo ya phathi ya Domi morago ga ditlhopho a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore kgaolo eo e e mo matsogong a kganetso e boele mo go bone.
Lt Gen. Merafhe o tsweletse a kopa maloko a phathi ya Domkrag a kgaolo eo go ema ntlhopheng wa bone nokeng a tlhalosa fa ntleng le kemo nokeng ya bone a ka seke a kgone go ipapatsa a le nosi.
O tsweletse a re batho ba kgaolo eo ba lesego ka ba tlhophile mme yo o senatla go ba emela a tlhalosa fa ditiro tsa gagwe di itsiwe ke mongwe le mongwe.
Le fa go ntse jalo o ne a ba kopa go tsena ntlo le ntlwana go bapatsa ntlhopheng wa bo palamente ga mmogo le makhanselara a gagwe ba ba lesome le bobedi ka palo. Mothusa Tautona wa pele o ne gape a kopa maloko a phathi eo go bona gore ipapatso ya bontlhopheng e nna e e mashetla lefatshe ka bophara.
O ne a ba rotloetsa bontlhopheng go bereka ba le seopo sengwe a kaya fa ipapatso e berekelwa fela thata gore ntlhopheng a kgone go fenya ditlhopho.
E rile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile o ne a supa fa ntlhopheng wa bopalamente wa Mochudi Bophirima e leng Mme Unity Dow sa le a itirela leina le le ntle a le kwa ntle ga polotiki.
A re Mme Dow o na le motlhala a kaya fa e le motho yo dikgang tsa gagwe di itsiwe ke mongwe le mongwe a tlatsa ka gore go mo tlhopha ba tla a bo ba ba sa tshamekisa tlhopho ya bone.
Rre Reatile o ne a supa diphathi tsa kganetso ka monwana a re bone sa bone ke go nna ba ganetsa fela le ntswa motlhala wa phathi ya Domkrag o bonala.
A re kgang ya bakganetso ke ya gore puso ya Domkrag e koba babeeletsi mo lefatsheng a supa fa seo e se nnete a kaya fa e le maikarabelo a puso ya bone go bona gore Batswana ba sireletsegile le gone a ba nna le batho ba ba ka sekeng ba tsenye matshelo a bone mo diphatseng.
O tsweletse a re puso ya phathi ya bone e netefatsa gore Motswana mongwe le mongwe o akola botsogo jo bo rileng a tlatsa ka gore puos ya lefatshe leno key one fela e e santse elopa madi a a kwa tlase mo balwetsing kwa dipateleng.
O ne a supa gape gore ke yone puso fela e e santseng e tlhokomela bana ba masiela ka go ba isa dikolong go fitlhela ba fetsa dithuto tsa bone.
E rie a tswa la gagwe Mme Malebogo Kruger yo e leng mothusa mokwaledi wa komiti ya phathi eo (south East)o ne a tlhalosa fa phathi ya bone e se phathi ya ditlhapha jaaka diphathi tsa kaganetso.
A re bone ko phathing ya bone ba tsile ka mananeo a a ka tlhabololang Batswana a tlatsa ka gore Domkrag ke phathi e e nang le therisanyo mme o ne a kopa Bakgatla go tlhopha Mme Dow go ya go ba emela kwa palamenteng.
Mme Kruger a re ko phathing ya Domi ban a le boeteledipele jo bo boikanyo a supa fa Tautona ebile e le moeteledipele wa phathi ya Domkrag fa a tsaya puso o ne a tlhalosa fa a tla nyeletsa lehuma a tlatsa ka gore mme tema e tsweletse ya go le nyeletsa.
Fa a tswa la gagwe ntlhopheng wa kgaolo eo wa bo palamente Mme Unity Dow o ne a kopa Bakgatla go mo tlhopha a supa fa a tshepisa go bereka le bone sentle.
Mme Dow o ne gape a leboga botlhe ba ba neng ba tsile kwa moletlong oo wa go supiwa ga gagwe le makhanselara a gagwe mme o ne a ba kopa go tswelela ba mo eme nokeng nako tsotlhe.
O ne gape a rotloetsa Madomi go ema ka dinao go bapatsa phathi a tlhalosa fa Tautona a ba file ditlhabani tse a tlhalositseng fa di le mo maitlamong a phathi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 13 Apr 2014