Bana ke mpho ya Modimo
13 Apr 2014
Bana ba tshwanelewa ke go fiwa lerato le tlotlo ka nako tsotlhe ka e le mpho ya modimo ee tlhwatlwa kgolo.
Mafoko a a builwe ke moaposetole wa kereke ya Naoith Bible Church, Moruti Odirile Mogae mo moletlong wa matsalo a ga Moruti Elinah Chifana yo o boneng go le botlhokwa go a keteka le bana ba dikhutsana ba Kgomotso Councelling Centre kwa Tsabong bosheng.
Moaposetole wa kereke ya Naoith Bible Church yo o ebileng e ne e le sebui sa tlotla letsatsi leo o ne a galaletsa moruti go bo a bone go le botlhokwa gore a gopole bana ba dikhutsana fa a keteka letsatsi la gagwe la matsalo. O kaile fa seo e le go supa lerato le legolo.
O ne a kaya fa bone le Moruti Chifana ba kopane ka ngwga wa 2010, fa a ne fudusediwa mo Tsabong, selo se areng se ba kgontshitse go simolodisa kereke ya Naoith Bible Church ee setseng e tiile thata mo kgaolong ya Kgalagadi.
Rre Mogae o ne gape a kaya fa mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetse go supa lorato mo go bao ba tlhokileng lesego mo botshelong. O buile seo a nopola mafoko a thamaga a a reng ‘gosego letsogo le le abang.’
O ne a tshwantsha dimpho tseo le botsalo jwa ga morena Jeso jaaka a ne a abelwa dimpho ke banna ba ba botlhale a kaya fa lorato e le di ya thoteng le mpho.
O ne a kgothatsa mongwe le mongwe go nna le mowa wa go aba are seo ke lorato lwa nnete lo mothatayotlhe a lo rotloetsang.
Moaposetole Mogae o ne gwetlha bomme ba bangwe go tsaya malebela mo go moruti Elinah Chifana ka ele mme yo o itsetsepetseng thata mo tumelong mo diemong dingwe le dingwe tse thata tsa botshelo.
O ne a supa fa Mme Chifana a kgona tiro ya gawe ya seruti ka a e rata, a le boineelo, boingotlo ebile a e tlotlo go botlhe.
Fa aba dimpho tseo moruti Chifana o ne a kaya fa maikaelelo a gagwe e e le go direla setshaba sa modimo ka go ba rerela lefoko la modimo le le boammaruri e seng sepe gape.
O ne a kgothatsa bomme ba bangwe go ikaega ka lefoko la modimo ka nako tsothe ka e le one tharabololo mo matshelong a bone . A re gape ba seka ba inyatsa mme ba ikemisetse go goga le borre ba baruti ka modimo o le one gape o ka ba nonotshang mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo tirong ya tsone
O ne a lebogela bakulengwe ka ene go bo ba bone go tshwanela go mo direla moletlo wa matsalo a gagwe le bana ba ba senang batsadi ka ba tswanelwa ke go bontshiwa lorato le go le fiwa ka nako tsotlhe jaaka bana bangwe.
Moruti Chifana o ne a kaya fa toro ya bone le morweetsana yo o neng a ikgapetse maemo a ntlha mo bommabontleng wa kereke eo, ebong Mme Irene Bimbo go tswelela ba supa lorato leo mo baneng bao ba Kgomotso Councelling Centre ba ba leng lekgolo le masome a ferangbongwe ka palo, ka go ba abela dimpho tseo ngwaga le ngwaga.
Dimpho tseo di ne di akaretsa dipoleiti, dikopi,marache a tlhapang meno, mebese, diatlana,dimonemone, le didirisiwa tse ba ithutang ka tsone tse di lopileng madi a kanang ka P4 000.00. A kaya fa madi ao phuthego eo kokoantse fela ka go tsadisa madi go tswa mo dipateng tsa bone.
O ne gape a gwetlha lekgotla la baruti le bakaulengwe ka bone go ba ema nokeng ka go tshwragana le bone ka seo se ka ba thusa go fitlhelela ditoro tsa bone, a kaya fa maikaelelo a bone e le go go tswela kwa ntle mo metseng ee gaufi ka go ebela le bana ba dikhutsana ba ba mo go yone mo nakong e e tlang.
Go le pele fa amogela batsena moletlo oo modulasetilo wa mokgatlho wa Kgomotso Councelling Centre moruti Andries Burger o ne a supa fa bana le boikarabelo mo go tlhomamiseng gore bana bao ba a tlhokomelwa, ka e le mpho ee tswang kwa modimong.
O ne a akgola moruti Chifana le bakaulengwe ka ene mo tirong e ntle e ba dirileng ka ebile e le lantlha e direga mo tseng wa bone. A tlatsa ka go lebogela botlhe baba nnileng le seabe gore tiro e atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Moletlo wa matsalo
Date : 13 Apr 2014