Ditlou tsa Mokwena di ikgatile motlhala
13 Apr 2014
Ditlou tse di ntseng di etetse kgaolo ya Mokwena di bakile poifo, letshogo le tlhobaelo mo banning ba Lentsweletau le mafelo mangwe a kgaolo ya Kweneng Bophirima.
Ditlou tseo, tse go kaiwang di le thataro, di gorogile ele la boraro mo kgaolong ya kweneng gotswa kwa lefelong la diphologolo la Khutse Moranang a tlhola letsatsi.
Molomaganya ditiro tsa lephata la diphologolo le makgabisa naga mo kgaolong ya borwa, Rre Dimakatso Ntshebe are maiteko a go di busetsa morago pele di oketsa poifo mo morafeng a ne a sa atlega ka di ne tsa nna mongala.
Mogolwane yoo a tlhomamiseditse batho ba mafelo a ditlou tseo di neng di le mo go one go nna le tsholofelo ka jaanong di dumetse go boela morago a kaa di ne di le gaufi le motse wa Botlhapatlou go boela Khutse ka Labotlhano ba thusiwa ke fofane sa tlhoo-tomo sa sesole sa Botswana.
Rre Ntshebe a re ere ntswa a tlhaloganya poifo e lerilweng ke go tla mo kgaolong eno ga diphologolo tseo ka go sa tlwaela mofuta oo wa diphologolo ga morafe, ga gona bothata bope jo bo begilweng ntle le tshenyo ya go kgaola diterata tsa masimo le go ralala masimo a balemi kwa Iyaiyane, Lekgalung, Mogobe-wa-mosu, Diphale le mafelo mangwe dikatswang di fitile ka one.
Rre Ntshebe a re go tsena mo kgaolong eno ga ditlou tseo go supega gantsi kwa metseng ya kweneng Bophirima ya bo Takatokwane, Dutlwe, go ralala Ditshegwane le Khudumelapyele.
A re ba dumela fa kgathego ya diphologolo tseo mo kgaolong eno, e bakwa ke phulo le metsi tse di mo seemong se sentle morago ga dipula tsa bosheng.
Lefa gontse jalo, Rre Ntshebe o kopile batho ba mafelo a amilweng ke tshenyo ya ditlou go leta ka bobelotelele ka jaana thulaganyo e tsweletse ka thuso ya ba temo-thuo go dira ditsheka-tsheko go thusa ka fa pusolosetso eka dirwang ka teng.
Kwa masimong a Iyaiyane mongwe wa balemi barui, Rre Obakeng Setshabelo o kaile fa go le thata go amogela pego ya gore ditlou di dule mo kgaolong ya bone a kaa fa ba santse ba aperwe ke letshogo le le tseneletseng.
Seo se tlhomamisitswe ke go sa bolotswa ga dikgomo tsa mo tikologong ka nako ya sethoboloko ka Labone jaaka fa barui ba ne ba santse ba jele kgakge ka ntlha ya pono eo.
Rre Onkemetse Seele ene a re ntle le gore a ne a aperwe ke letshogo le le tseneletseng, o kgonne go bona ditlou di ferabobedi kgatlhanong le palo ya borataro e e tlhomamisitsweng ke ba lephata la diphologolo.
Kgosi Rre Bontshetse Kgosimokgalo wa Kgope, o tshwentswe ke gore seemo se ya go dira gore morafe o phuaganye temo mo eka felelang ele mojo wa leruo ka ntlha ya poifo e eya go tswelelang e agile mo ditlhaloganyong tsa batho ba kgaolo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 13 Apr 2014