Breaking News

Koko o kgothatsa baithuti

10 Apr 2014

Rre Kereng Koko o kgothaditse baithuti ba sekolo se segolwane sa Kgari Sechele se se mo maemong a ntlha mo go tsa mabelo gore le mo go tsa thuto ba ikitee ka thupana.

Rre Koko o ne a bua se ko moletlong wa dijo tsa motshegare tse di kgetlhegileng o o neng o diretswe dikgantshwane tsa mabelo go ba lebogela tiro e ntle e ba e dirileng ko dikgaisanyong tseo.

O ne a tlhalosa fa go se thata gore baithuti ba ka tokafatsa maduo a bone a dithuto, a bua gore fa ba bona ba kgona go gapa dietsele ka maduoa ntlha mo mabelong le mo dithutong ba ka dira go le gontle fela thata.

A re tlhaloganyo e ba e dirisang go fenya mo mabelong ba ka e dirise le mo dithutong go fenya ditlhatlhobo tsa bone, a tlhalosa gore fa ba le mo lebaleng ba taboga fa ba bona yo ba gaisanyang le bone a atumela ba oketsa lebelo gore ba tle ba fenye, mme go tshwana fela le mo dithutong a ere ba bona gore ba palelwa ke sengwe ba oketse ka fa ba ithutang ka teng gore ba tle ba kgone go dira sentle mo dithutong.

Rre Koko o ne bua fa a itumetse fela thata ka fa baithuti ba ba dirileng ka teng mo dikgaisanong tse a tlhalosa fa ba isitse Kweneng ko godimo. A ba tlhalositse gore kafa ba dirileng ka teng go itumedisa e bile go supa gore le mo dithutong ba ka dira sentle fela thata fa ba ka nna tlhaga.

Rre Koko o ne a gapa seetsele sa dikgaisanyo tsa mabelo a Kweneng a bua fa a dumela gore le ngwaga o o tlang a tla bidiwa go tla go buisa baithuti gape ba dirile sentle.

E ne yare a akgela, mogokgo wa sekolo Rre Kolagano a supa fa a itumeletse bana ba gagwe, a ba tolelela fa a lebogela tiro e ntle e ba e dirileng. A tlhalosa fa sekolo sa gagwe se sa dire sentle mo dithutong mme ba tswanetse go leboga baithuti fa ba dirile sentle mo go tse dingwe ke sone se ba ba diretseng moletlo wa dijo tsa motshegare o o kgetlhegileng.

Rre Kolagano o ne a tlhalosa fa sekolo sa gagwe se ne se gaisanya le dikolo tse dingwe tse di masome a matlhano le bobedi mme sa gapa maemo a ntlha.

A re baithuti ba ba neng ba tseneletse dikgaisano tseo bane bale masome a mararo le bongwe mme ba kgona go gapa dietsele dile lesome le bosupa mo go tsone go na le di gauta dile borataro.

O ne a tswelela a tlhalosa gore mo teng ga dikgantshwane tse, bale babedi ba ya go emela lefatshe la Botswana ko dikgaisanong tsa mafatshe otlhe a Africa.

Mogokgo o ne a tlhalosa fa mo dikgaisanong tsa barutabana mo go direng mekgatlho mo dikolong morutabana Mme Christinah Hambira a ne a ikgapela seetsele sa mokgatlho o o gaisitseng ka maemo a ntlha mo go ba Botswana International University of Science and Technology (BIUST).

A re Mme Hambira le ba mokgatlho wa sekolo wa boimana ba baithuti ba ne ba etela kwa  motseng wa Serinane go buisanya le go gakolola bana ba ba duleng mo sekolong ka mabaka a boimana ko ba neng ba kwadisa bana bale lesome le botlhano gore ba busetswe mo sekolong.

A bua fa ba BIUST ba tlhalositse fa bana bao fa ba ka kgona go fenya ditlhatlhobo tsa lekwalo lwa botlhano ba ya go ba amogela ko sekolong seo ba sa tlhokane le go dira kopo ya gore ba letlelelwe go tsena teng jaaka go tlwaelesegile. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Margaret Motswana

Location : MOLEPOLOLE

Event : Moletlo wa dijo tsa motshegare

Date : 10 Apr 2014