Tema go ya 2016 e a bonala
10 Apr 2014
Le ntswa dikgwetlho di nnile teng mo maitekong a lefatshe leno a go fitlhelela maitlamo a lone a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016, tema e e segilweng go tla go tsena mo nakong eno ke e e itumedisang.
Se, se builwe ke tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Peter Siele, kwa Masunga bosheng fa a ne a simolodisa thuto-seka-dipuisano ya malatsi a mararo ya batshwara teu ba tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016.
Tona Siele o ne a itsise batsena-tiro eo fa bokopano joo bo le botlhokwa thata ka bo fa ba-na-le-seabe sebaka sa go tswa ka maano a go gorosa lefatshe leno kwa le eletsang gore le bo le le teng ka ngwaga wa 2016.
O ne a gwetlha botlhe go tlhagafalela go betlela lefatshe leno isago e ntle, a re go tshwanetse ga lemogwa fa seabe sa mongwe le mongwe se le botlhokwa.
“A re itseeng ka motlhala re bone kwa re tswang teng, re bo re betle tsela e e tlaa re gorosang kwa re eletsang go ya teng,” Rre Siele o ne a bua jalo, a ikuela mo go botlhe go seke ba ipona tsapa go thusa lefatshe la Botswana go gatela pele mo go tlhabologeng.
Tona Siele, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Ngwaketse Borwa, o ne gape a akgolela batsadi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba seabe sa bone mo thutong ya bana ba bone.
A re go bo baithuti ba kgaolo eo ba tsweletse ka go dira bontle mo ditlhatlhobong ngwaga le ngwaga ke sesupo sa tshwaragano e e nonneng fa gare ga batsadi le barutabana.
O ne a ba kopa go seke ba adima tshwene marapo mo kgannyeng e, a supa fa go dira ka botswerere mo dithutong ga baithuti go ka thusa lefatshe leno go fitlhelela toro ya lone ya go nna tshaba e e rutegileng e bile e nale dikitso boammaaruri.
E ne e rile go le pele a supa dikgwetlho ga mmogo le tse di ka kgonwang mo kgaolong eo, molaodi Rre Rapetse Mathumo a tlhalosa fa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo ka go tlhomagana ga dingwaga bosheng, mo kgaolong, go ne ga kokonela thata itsholelo ya malwapa a le mantsi segolo jang a a ikaegileng ka temo-thuo.
Rre Mathumo o kaile fa seemo se se ne sa ketefaletsa banni ba le bantsi ba kgaolo mabaka a botshelo. Matshwenyego a mangwe o ne a supa fa e le tlhaelo ya lefatshe le le tsentsweng ditlamelo ga mmogo le tlhaelo ya dikago tsa diofisi le boroko jwa babereki.
Ntlha e nngwe e e tshwenyang, Rre Mathumo o boletse fa e le palo e e kwa tlase ya batho mo metseng ya kgaolo ya Bokone Botlhaba, a supa fa mo metseng ele mentsi dipalo tsa batho di le kwa tlase ga dikete tse tlhano.
Seemo se, o kaile fa se sa siamela dikgwebo ka jaana palo e ntsi ya batho e le botlhokwa mo go thuseng dikgwebo go itshetlela le go tswelela e gola. Le fa go ntse jalo, molaodi Rre Mathumo o ne a itsise batsena thuto-seka-dipuisano eo fa go nale tse dintle tse di ka nowang moro mo kgaolong eo.
Dingwe tsa tsone, o kaile fa e le ditsela tse di golaganyang kgaolo le dikgaolo tse dingwe ga mmogo le mafatshe a a kwa bokone jwa Aferika. A re kgaolo ya Bokone Botlhaba gape e ralalwa ke seporo, selo se a tlhalositseng fa se ka nolofatsa go isiwa ga dithoto kwa mafelong le mafatsheng a a farologanyeng ke dikgwebo tse di ka ikgethelang go tlhoma madirelo mo kgaolong.
Rre Mathumo o ne gape a supa fa kgaolo eo e humile matlotlo a mhama wa tsa bojanala, a bolela fa bogogi jwa kgaolo bo tshwere ka thata go ngokela bagwebi ba tsa bojanala mo kgaolong eo.
Se fa se ka atlega, Rre Mathumo o supile fa se ka thusa thata go tlhamela beng-gae diphatlha tsa mebereko mme se fokotse letlhoko la ditiro le le tswang kgakala le apesitse banni kobo ka letshoba.
Mo go tse dingwe, o ne a bolela fa mafaratlhatlha a tsa ditlhaeletsanyo a le teng go ralala kgaolo ya Bokone Botlhaba, ka jalo bagwebi ba ka se itemogele dikgoreletsi dipe go golagana le mafelo a mangwe.
Thuto-seka-dipuisano eo e ne e tshwerwe ka maikaelelo a go betlela kgaolo ya Bokone Botlhaba tsela ya go fitlhelela maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2016, ga mmogo le go tla ka ditsela tsa go nonotsha maiteko a go nyeletsa lehuma le borukutlhi le gone tota go emisa kanamo ya mogare wa HIV. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Thuto puisanyo
Date : 10 Apr 2014