Banana ba rotloediwa go emisa kanamo ya mogare
10 Apr 2014
Banana ba Kanye ba kopane le ba mokgatlho wa Junior Chamber International (JCI) le Botswana National Youth Council (BNYC) ba rotloeditswe go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa siraletsegang go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV o o golang ka dipalo tse di kwa godimo e bile o amile banana bobe.
Go kopile jalo leloko la mokgatlho wa Botswana Family Welfare Association (BOFWA) e bile ele moithaopi wa monana kwa Kanye, Rre Thato Ramogwasa, kwa moletlong wa go konetelela segopotso sa kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare wa segajaja sa HIV/AIDS.
A re banana ba tshwanetse go emisa go tsenwa ke mogare o mosha le go emisa kgethololo mo go ba ba amegileng, a tlatsa ka gore dintsho tse di bakwang ke bolwetsi joo di tshwanetse go hokotsega.
Rre Ramogwasa are o tshwenngwa ke gore malwetsi a mangwe a tlhakanelo dikobo a santse a ile magoletsa mo Kanye. Are bane ba eleditse go fokotsa kanamo ya mogare ka 1% ka ngwaga wa 2012-2013 mme ga seka ga kgonagala.
Rre Ramogwasa are kgwetlho e nngwe e tona mo go bone ke gore batho ga ba batle go rutiwa ka mogare le bolwetsi jwa AIDS, ka jalo a rotloetsa banana go nna le seabe se segolo go bona gore le bone ba nna le seabe ka go ruta ka bolwetsi jo.
Are kgato ya go fedisa mogare e simologa ka motho ka bo ene, are motho o tshwanetse a itebe a akanyetse yo mongwe yo a bapileng nae.
Monana mongwe yo o neng ale mo bokopanong jo Mme Gaokgakala Morake ene are Botswana o mo diatleng tsa banana.
Are banana ba ikgaphe mo go direng ditiro tse di maswe ba gogelwa ke madi are eseng jalo ba ka felela ba tsenwe ke mogare wa HIV. Le fa gontse jalo Tautona ya JCI Rre Tumelo Masalela o boletse fa tiro ya bone e le go leka go rotloetsa le go tlhatlhelela banana go ntsha dikitso tsa bone ba di baya mo pepeneneng gore balekane ba bone ba anywe mo go bone.
Rre Masalela are maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa banana go inaakanya le go dira dikgwebo gore ba iphire le go hira ba bangwe. O boletse fa gape ba dira gore banana ba lefatshe leno ba tsalane le ba mafatshe a mangwe gore gonne le kabelano boitseanape le maele a kgwebo.
O rotloeditse banana ba Kanye go ema ka dinako go bereka mmogo go tlhabolola motse wa bone, a bolela gore banana ke letswai la setshaba ebile ke bone babusi ba kamoso.
O boletse fa ebile JCI e nale ditiro dingwe tsa sechaba tse ba di dirang, jaaka sekole sa bananyana kwa Gaborone, gape are ba reketse batho ba Boteti masire a a sireletsang monang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Moletlo wa banana
Date : 10 Apr 2014