Breaking News

Kgosi Ngwato o tlhokafetse

10 Apr 2014

Kgosana ya kgotla ya Mabeleng kwa Bobonong, Rre Oampona Ngwato o tlhokafetse morago ga go lwala lebaka le leleele.

Kgosi Ngwato o tlholega kwa Serowe mme e ne e le mongwe wa bofelo go romelwa kwa Bobirwa ke bogosi ja Gammangwato go busa morafe wa Babirwa go fithelela ka ngwaga wa 1972 fa bogosi jwa kgaolo e bo boela mo go beng ba bone.

Mo potsolotsong le kgosi ya Babirwa, Kgosi Mmirwa Malema o kaile fa Kgosi Ngwato e ne ele motho yo o bonolo, a le boammaruri , a sena mowa wa boferefere gape a le botho.

O supile fa Kgosi Ngwato a ne a rometswe kwa Bobonong bofelong jwa dingwaga tsa bo 1960’s go busa Babirwa a tshwaraganetse tiro le Kgosi Malema a re fa motse o simolola go ikemela go tswa mo go busiweng  ke dikgosi go tswa Serowe, Kgosi Ngwato o ne a aga mo Bobonong mme a etelela kgotla ya Mabeleng e a tlhokafalang e ntse e le kgosi ya yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 10 Apr 2014