Makhanselara a kopa puso go reka mo baleming
10 Apr 2014
Makhanselara a kgaolo ya Borwa a kopile puso go rekela bana ba dikole tse di potlana dinawa mo baleming go nale go reka kwa mafatsheng a sele.
Rre Kgangetsile Gotsilewame wa Gasita o kopile jalo mo phuthegong ya khansele ee tsweletseng mo Kanye a re go dira jalo e ka nna thotloetso mo baleming.
Rre Gotsilewame gape o supile tlhobaelo ya gore koporase ya BAMB e kanna ya tlhoka go reka thobo ka ntata ya dipula tse di tsweletseng ka go tshologa.
Gape o ikuetse ka tsela ya Motlhalawakgomo-Lorolwane ee onetseng a ba a kopa gore e tshelwe kerabole kgotsa mmu oo lokgarapana gore e kgone go dirisiwa ka e sentswe ke dipula tsa mo bosheng.
Mokhanselara wa Manyana Rre Peter Sithibe le ene one a ntsha matshwenyego mabapi le ditsela tsa motse wa Mogonye tse a tlhalositseng fa di ne di tswanetse go dirwa mme ga nama go emisitswe ka lobakanyana.
Mokhanselara wa Ntsweng Botlhaba Rre Phenyo Thekeleza ene a kopa gore matlo a barutabana le one a gokelwe motlakase fa matlwana a borutelo a gokelwa gore barutabana le bone ba kgone go akola.
Rre Thekeleza ebile o ngongoregetse gore dingwe dikole di kgona go tsaya nako e telele di sena boeteledipele jaaka mogokgo, ebile a supa fa bangwe barutabana ba ipata ka gore ga ba kgone go dira tiro ya bone sentle ka ntlha ya gore ga gona motlakase.
Mokhanselara gape are tsela ya Trans Kalahari Highway ee ralalang dikgaolo dile tharo jaaka Borwa,Kgalagadi le Ghanzi enale mafuti a a masisi a ebileng a baka dikotsi tse di maswe ka e tlhogile bojang jo bo leele.
Are seemo seo se masisi ka jaana ebile bajanala ba le bararo ba kile ba latlhegelwa ke matshelo gone mo tseleng yone eo.
Fa a akgela mo kgannyeng e mothusa modulasitilo wa khansele ya Borwa Rre Lt Col Fairbridge Pule one a tlhalosa fa tiego ya tsela ya Mogonye e dirilwe ke go senyega ga koloi ya metsi mme a supa fa ee berekang e santse e bereka kwa Thankane.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 10 Apr 2014