Breaking News

Balemi ba Gungwe ba tla oba letsogo

10 Apr 2014

Mono ngwaga bontsi jwa balemi ba tla a dika ba orile molelo wa mariga, morago ga gore mafelo a lefatshe leno ka bontsi a amogele dipula tse di namagadi.

Mo potsolotsong bosheng, molemi kwa Gungwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mpho Mabalane, o tlhalositse fa mono ngwaga thobo e tla a nna e e nametsang.

Mme Mabalane, yo ka nako ya potsolotso a neng a tshwere ka natla a roba nngwe ya ditema tsa gagwe tsa ntlha, o boletse gore le mororo dijwalo dingwe di akaretsa magapu di ne tsa fekeediwa ke bokete jwa dipula mme tsa swa, sika loo mabele lone, e ne ya nna gone jaaka le ne le segetswe fa lefureng.

A re, o dumela ntle le pelaelo gore thobo ya gagwe mono ngwaga e tla a gaisa tse a kileng a di bona mo dingwageng tsotlhe fa e sale a simolola go lema. Go sale foo, molemi yoo, o ne a lebogela balemisi kemo-nokeng le thotloetso ya bone mo Batswaneng fa go tla mo mererong ya temo.

A re, seabe sa balemisi ke se se bonwang ke mang le mang, a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba tseye ka tlhwaafalo e kgolo dikgakololo tse ba di fiwang ke balemisi. O ne gape a lebogela puso maiteko a yone a go thusa balemi go tokafatsa temo a akaretsa go ba fa dipeo le digogi.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tlhaelo ya digogi le didirisiwa tse dingwe tsa temo di akaretsa diterekere le dipolantere e le kgwetlho e kgolo e e kgoreletsang balemi bangwe go tokafatsa ka fa ba ntseng ba lema ka teng. A re, ene o ne a palelwa ke go lema ka ditselana ka ntlha ya tlhaelo ya dipolantere, a supa fa e le keletso ya gagwe gore mo pakeng ya temo e e tlang a leme ka ditselana ka a dumela fa maduo a seo e ka nna a mantle thata.

Mo go reng, a ga a na maikaelelo a go lemela kgwebo, Mme Mabalane, yo o dirang e le moapei kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa gaabo, o tlhalositse fa seo se ka mo ketefalela ka go ka se nne bonolo gore a bone nako ya go dira tsa kwa a berekang teng le ya go lebagana le dikgwetlho tsa kgwebo.

O supile gape fa a sa itse fa a ka rekisetsa lekalana la puso la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) thobo ya gagwe. A re, e a tle e re a bone thobo e e botoka, a rekise fela mo gae fa go ka tshokane go nale mongwe yo o tlhokang go reka sengwe. Go rekisa mo gae, Mme Mabalane o kaile fa go sena dipoelo dipe tse di kalo ka jaana a patelesega go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka itsholelo ya banni le yone e se ya sepe.

Mme Mabalane o ne a gwetlha Batswana ba ba santseng ba le maoto a tshupa go tsena mo temong go ikitaya ka thupa go thusa mo go ntshetseng lefatshe leno dijo. A re, Batswana ba tshwanetse ba lemoga gape fa go lema go fokoletsa malwapa ditshenyegelo tsa go reka dijo, a tlatsa ka gore dijo tsa setso le tsone di setse di lemogilwe fa di siametse botsogo jwa batho.

O tsweletse a re, fa batho ba ne ba ka lema, ba bo ba oketsa go ja dijo tsa tlholego tsa Setswana, malwetse a a borai a tshwana le jwa madi a matona a ne a ka seke a ba tshabelele go le kalo.

Molemi wa motse wa Moroka Rre Moses Majeremane, le ene o supile fa a solofetse thobo e e botoka mono ngwaga. Le ene fela jaaka Mme Mabalane, o  iteetse  puso legofi go bo e tsweletse e thusa balemi ka ditsela tse di farologaneng.

Rre Majeremane a re, dithuso di tshwana le go fiwa menontshane, di thusitse thata mo go tokafatseng thobo ka jaana di file balemi ba ba kobo-dikhutshwane sebaka sa go kgona go tlhabolola boleng jwa mebu ya masimo a bone.

Mo go lemeleng kgwebo, Rre Majeremane o boletse fa go se bonolo ka ntlha ya fa masimo a bone a le mabotlana thata, a tlhalosa fa ene tshimo ya gagwe e le selekanyo sa diakere di le pedi le sephatlo fela. Le ene, o ne a supa fa a dikile a lemile a gasa ka jaana dipolantere di ne di tlhaela, a bolela fa gone a tlhaloganya ka botlalo botlhokwa jwa go lema ka ditselana.

Mo ntlheng e nngwe Rre Majeremane o supile matshwenyego ka se a rileng ke botshwakga jwa banana. A re, banana ga ba batle go tsena mo temong ka ba sa rate go tshwara ka diatla ba itirela. Le fa go ntse jalo, o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba seka ba felela bana ba bone pelo mme ba tswelele ba ba sokasoke ka tsholofelo ya gore kgabagare ba tla a kgatlhegela go tsena mo mohameng wa temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 10 Apr 2014