Breaking News

Barekisi ba kopiwa go tlhokomela tikologo

10 Apr 2014

Barekisi ba letlhafula ba kopiwa go kokoanya matlakala a tse ba di rekisang gore a seka kgotlela tikologo.

Se, se builwe ke mothusa moanamisa mafoko wa khansele ya Borwa, Rre Onkabetse Ntwe mo potsolosong bosheng. Rre Ntwe o bile a kopa ba ba tsamayang ba a nwa ntshe gore ba seka ba gasagasa matlakala a yone, a re go gasagasa matlakala ke molato.

A re e le ba khansele ga ba na molao o o laolang barekisi ba letlhafula ka ke thekiso ya nakwana, a bo a re mme fela barekisi ba tshwanetse go babalela tikologo.

A re ba ba sa ntseng ba na le go tshuba matlakala ba ba beile leitlho ka go dira jalo ke molato o motho a ka o elang kgolegelong kgotsa a o atlholelwa, a re mme dikatlholo tse di kgona go lebisiwa motho tsotlhe.

Rre Ntwe a re e le ba khansele ba leka ka bojotlhe go baya ditanka tsa matlakala mo metseng e ba lebaganyeng le yone le mo thoko ga tsela ya Trans Kalahari Highway gore badirisi ba tsela eo ba latlhele matlakala mo teng.

A re tikologo e leswe e kgona go koba bajanala, selo se a reng se ka ama itsholelo mme a kopa gore ditanka tseo di dirisiwe ka dinako tsotlhe.

Rre Ntwe o bile a re sengwe sa leswe le le tshwenyang ke metseto ya bana ya segompieno e a reng e latlhelwa gongwe le gongwe.

A re metseto e leswafatsa tikologo ka dintsa di phunya dipolaseteke di bo di e gasagasa, a tlatsa ka gore le diruiwa di felela di e ja, selo se a boiling a supa fa se le diphatsa mo go tsone.

A re metseto e e tshwanetse go isiwa kwa dikokelong gore ba lephata la botsogo ba tle ba e latlhele kwa go tshwanetseng teng.

Mo go tse dingwe, Rre Ntwe o dumetse fa e le boammaruri gore tikologo ya diofisi kwa khanseleng kgotsa RAC mo Kanye e leswe.

A re se se dirwa ke gore mophepafatsi wa tsone o nosi ka jalo o imelwa ke tiro.

A re mophepafatsi yo ke yo o thapilweng ke khansele mme a kopa maphata a mangwe go tsaya boikarabelo.

A re ba Ipelegeng ke bone ba a tleng ba thologe mophepafatsi yoo mokgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 10 Apr 2014