Puso ga e tlamege go phimola barui dikeledi
10 Apr 2014
Puso ga e tlamege go phimola dikeledi barui ba dikgomo tsa bone di suleng fa di sena go busediwa gape kwa kgaolong ya Zone 7 kwa metsaneng ya Robelela le Tshokwe.
Mothusa mokwaledi mo lephateng la temo thuo, Dr Moetapele Letshwenyo a re baitseanape le ba lekalana la dikanoko le ditlhotlhomiso mo lephateng leo ba tlhotlthomisitse go bona gore ke eng se se bakileng leso leo mme tsa supa fa dikgomo tseo di sule leso la tlholego fela.
A re dikgomo tse dingwe di sule ntateng ya tlala ka go le leuba mo kgaolong eo. Ditlhotlhomiso di supa gore dikgomo tse dingwe di bolailwe ke bolwetse jwa metsi a pelo. Dr Letshwenyo o ne a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Tshokwe, Robelela le Mmadinare bosheng.
Dr Letshwenyo o tlhalositse gore dilo tsep di ntshitsweng mo dikgomong tse di sulleng tse di neng di supiwa kwa kgotleng di lebega jaaka dikgetsi, ke ditshidinyana tse di tsalang bolwetsi.
O tlhalositse gore ditshidinyana tseo di tsile morago ga gore dikgomo di je matlhare a le mantsi a a kgomaretsweng ke ditshidinyana tse di agang mo matlhareng a ditlhare. A re fa ditshidi tseo di tsena mo mpeng ya kgomo, di iphetola dilo tse di di tshwanang le dikgetsi mme e re kwa morago di bolae dikgomo.
O boletse gore ntateng ya mabaka a dikgomo di a bo sule leso la tlholego fela mme kajalo puso ga e tlamege go phimola barui dikeledi kwa ntleng ga gore puso e duele barui ba ba amegileng ka madi fela.
A re mathata a a ntseng jaana a ne a diragala mo mafelong a mangwe a lefatshe leno jaaka kwa Serule le Dimajwe kwa dilo tse di tshwanang le dikgetsi di neng tsa ntshiwa mo dimpeng tsa dikgomo tse di suleng. O boletse gape gore selo sa go nna jalo se ile sa diragala gape ka dingwaga tsa bo 1970.
Lefa go ntshitswe tlhaloso, barui ba ne ba kopa puo go akanyetsa go phimola barui dikeledi ka gore ba ne ba seka ba rutwa ka fa ba ka thibelang dikgomo tsa bone go bolawa ke bolwetse jwa metsi a pelo.
Gape ba re ba ne ba ka seke ba laola se dikgomo di se jang fa di hula mo nageng. Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela a re batho ba ba mo mahudisong a a tlhakanetsweng ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe fa leruo la bone le sena go swa.
A re fa puso e sa dire sepe go itebaganaya le kgwetlho eo, batho ba le bantsi ba tsile go humanega ka gore dikgomo ke tsone botshelo jwa bone.
O boletse gore go utlwisa botlhoko go bo ba wetswe ke seru sa go nna jalo. Legale fa barui ba ne ba rutilwe ka fa ba ka thibelang bolwetse jwa metsi a pelo ka teng ba ka bo ba di bolokile di sa swa.
Kgosi a re o tshwenngwa ke gore bakenti ba ba busetsang leruo mo kgaolong eo ga ba dire tiro ya bone ka botlalo mo go felang go dira gore batho ba latlhegelwe ke leruo la bone ntateng ya bosenakitso.
Dr Letshwenyo o ne a solofetsa go fetisetsaa dikeletso tsa barui kwa bagolwaneng ba gagwe ba e le bone ba ka tsayang tshwetso ya gore a ba phimolwa dikeledi kana nnyaa.
Go busetsa dikgomo go tla jaana morago ga gore digomo di bolawe mo Zone 6 go sena go tlhagoga bolwetse jwa tlhako le molomo ka 2011. E ne ya re ka Motsheganong ngogola, pusetso ya dikgomo ya simolola kwa Robelela le Tshokwe kwa dikgomo di ka nna dikete tse pedi di neng tsa neelwa barui e le phimolo dikeledi.
E ne ya re mo tirong eo ya go busetsa dikgomo, bakenti ba bega fa dikgomo di le 363 di ne tsa swela mo dikwarantining fa di le 158 di ne tsa swa di setse di neetswe beng ba tsone.. Dikgomo tse 158 tseo e ne e le tsa barui ba le 33. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya morafe
Date : 10 Apr 2014