Seakgosing o busetsa ba Moshupa phetolo
09 Apr 2014
Tona wa botsogo, yo e bileng e le mopalamente wa Thamaga, Dr John Seakgosing o boleletse banni ba Moshupa fa sepatela sa bone se ba sa bolong go se solofediwa se fetiseditswe mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba la bolesome.
O boletse fa go solofetswe gore se agiwe ngwaga o o tlang wa madi, fa itsholelo e eme sentle, mme fa gole thata se ka ya kwa NDP 11. Tona Seakgosing o buile seo, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Moshupa.
O ne a busa phetolo ya morafe wa Bakgatla ba Moshupa ba e rileng bosheng ba romela lekoko la banna ba eteletswe pele ke kgosi ya bone go ya go botsa gore sepatela se ba sa bolong go se solofediwa se diilwe ke eng.
Ba re, se ne sele mo lenaneong la ditlhabololo la bofera bobedi, sa sutisediwa kwa go la boroba bongwe, gompieno se tsene ka lenga la seloko. O boletse fa go sutisa gantsi ga sepatela sa bone e se ka bomo, go ne go lebilwe letlhoko la madi ka e bile lefatshe le ne la rakana le dikgwetlho tsa kwelo-tlase ya itsholelo le dibetso tsa tlholego jaaka bolwetse ja tlhako le molomo.
O tlhalositse a papametse gore, sepatela ga se a phimolwa mme se tla felela se agilwe mo Moshupa go lebilwe pata ya puso. Tona o boletse fa ene le lekoko la Moshupa, ba ne ba bua ka kutlwano le fa go ne go le thata go dumalana gore sepatela se teng.
A re, sepatela se se tla agiwang se tla bo se nale malao a le masome a mabedi le ditsompelo tsotlhe tsa sepatela se segolwane, mme a re sebe sa phiri ke letlhoko la dingaka, ka di gana go berekela mo Botswana di kaya fa madi a le mannye.
O boletse fa gole boammaruri gore sepatela se sale se nna mo lenaneong la ditlhabololo ka nako e goneng go nale tautona, Sir Ketumile Masire, ga latela Dr Festus Mogae le gompieno ke Tautona Khama. Tona o tlhalositse fa go ne go nale mabaka a a paledisang gore se agiwe mme ditlhaloso di le teng.
Le fa go ntse jalo, tona o boleletse morafe o o neng o penologa mo kgotleng, ka tsholofelo ya gore o tla utlwa gotwe sepatela se a simologa, gore puso e dira ditlhabololo e lebile palo ya batho, sekgala le pata.
O boletse fa go nale ditiro tse di ka sekeng di itlhokomolosiwe le fa madi a tlhaela jaaka go reka diritibatsi, go jesa le go duela masiela, batlhoki, bagodi, ba-nale bogole, masole a ntwa ya ntlha le mananeo a itshetso a puso.
O tsweletse a bolela fa bolwetse ja tlhako le molomo le jone bo apesitse lefatshe kobo ka letshoba, a tlatsa ka gore go nale tlhaelo ya metsi le motlakase, se se dirang gore puso e ise madi mangwe koo.
Fa a leboga mopalamente wa Moshupa, yo gape eleng motshwarelela tona ya thuto Rre Mokgweetsi Masisi, o boletse fa a sa bolo go bua thata ka sepatela e bile le ene a ne a nale lekoko go ya kwa go tona ya botsogo.
A re, sepatela se tsere dingwaga tse di lesome le boferabobedi se ntse se le mo lenaneong la ditlhabololo, mme a bolela fa se tsile go dirwa letsatsi le penne ka gore ga se a phimolwa gope mo ditogamanong.
O boletse fa sepatela se diilwe ke bodiredi, mme a kopa banni ba Moshupa go nna pelotelele le ditlhabololo tsa bone, a tlhalosa fa a ba eme nokeng thata gore motse wa bone o tlhabologe. Le fa go ntse jalo, o kgadile sepolotiki mo kgotleng, a bolela fa se sa tlhokafale ka gore se ka gogomosa batho maikutlo.
Fa ba mokgwa dikgaba, banni ba boletse fa ba lapile dipelo ke go solofediwa sepatela mme go bo go ntse gotwe se teng mo ditogamanong se sa dirwe. Rre Simon Ramontsho o kopile Bakgatla go fetela kwa pele kwa go mothusa tautona ka kgang ya sepatela ka gore botautona ba ntlha le wa gompieno ba rile se dirwe mme nako kgolo ke eno.
Rre Tshepho Sehularo ene, o boletse fa ba kile ba solofediwa gape gore go tla atolosiwa nngwe ya dikokelwana go santse go emetswe sepatela, mme nako kgolo ke eno, ga go dirwe sepe.
“Kgang e, jaanong ga e batle ene morwa wa gagwe yo esi Jesu, e batla Modimo ka sebele,’’ ga bua Rre Sehularo. Bangwe ba ba akgetseng ba kopile gore go tsewe madi a a beilweng kwa mafatsheng a moseja e le makatadimetshe, mme a dirisiwe go aga sepatela se se sa bolong go solofetswa, fa bangwe ba re go kabo go agilwe sepatela go nale dikago tse di tshegetsang magolegwa tsa basimane gone mo Moshupa.
Bangwe bone ba re, ba belaela gore palo ya bone e tshwanetse e bo e sa lekana, le magatwe a gore Moshupa o bapile thata le sepatela sa Thamaga le sa sabata sa Kanye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Apr 2014