Kgosi Malema o rotloetsa morafe go lebogela pula
09 Apr 2014
Kgosi ya Bobonong, Kgosi Mmirwa Malema, o kopile magosi go tshwara dithapelo go leboga dipula tse di namagadi tse di neleng monongwaga.
Fa a buisa phuthego mo kgotleng bosheng, Kgosi Malema a re, fela jaaka ba dirile ngwaga o o fetileng go kopa pula kwa go Ramasedi, ba tshwanetse go leboga Modimo ka dithapelo ka pula e ntse matsorotsoro mo kgaolong ya Bobirwa.
Kgosi Malema a re, ditebogo tsa pula di tshwanetse go ipelelwa ka go tlisa letlhafula mo dikgotleng tsa kgaolo eo ka go farologana. O kopile gore metse ka go farologana e ipeele letsatsi le ba tla tshwarang dithapelo tsa tebogo ka lone.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa Bobonong, Mme Agnes Ompatile o kopile dikgosi go tlhama dikomiti tsa bogosi tse di tla fang dikgakolo ka ditiro tsa bone.
Mme Ompatile a re, dikomiti tseo di ka thusa mo ditshekong di tshwana le dituelo tsa tshenyo ya leruo mo masimong, manyalo a a dirwang mo dikgotleng le gore a ba ba atlhotsweng ba duela melato ya bone. A re, mosola wa komiti eo ke gore e tla thusa go somarela ngwao.
Magosi a ile a lekodisiwa ka thulaganyo ya ditshekatsheko tsa go dupa metsi mo dinokeng tsa Shashe le Motloutse ,go a dirisa mo temong ya nosetso.
Mogolwane yo o okametseng temo ya nosetso mo kgaolong ya Selibe-Phikwe le Bobirwa, Rre Oaitse Keikitse a re, kompone ya Geo Science Consulting Services le Pinagare Engineers ba dira tiro eo ya tshekatsheko mo boemong ja lephata la temo-thuo.
Rre Keikitse a re, kompone eo e tla bo e dira le tshekatsheko ya metsi a a leswe gore a ka dirisiwa jang mo temong ya nosetso. O lekodisitse magosi a Bobirwa gore tiro eo, e e simolotseng ngwaga o o fetileng e tsweletse mme e tla wela ka kgwedi ya Phalane monongwaga, jalo ba lekodise banni ka yone.
Rre Keikitse a re, tshekatsheko e, e dirwa go bona gore dinoka tsa Motloutse le Shashe di ka tswa di nale metsi a a lekaneng, e bile a siametse go dirisiwa mo temong ya nosetso e e ka kgonang go jesa lefatshe leno le go rekisetsa mafatshe a mangwe.
A re, fa ditshekatsheko di ka supa mafelo mangwe a a ka dirisiwang mo temong eo, ditlamelo di tshwana le motlakase di tla tsamaisiwa gaufi le mafelo ao. Rre Keikitse a re, motlakase o botlhokwa mo temong ka go dirisa leokwane jaaka diesel, go le tlhwatlhwa kgolo.
Modiri wa kopone ya Pinagare Tavengwa Muziri a re, mo ditshekatshekong tse ba setseng ba di dirile, ba setse ba bone lefatshe la ditema dile lekgolo fa noka ya Kweneng e kopanang teng le ya Motloutse kwa Bobonong, gammogo le di le masome a marataro kwa Motlhabaneng , mme a supa fa e santse e le tshekatsheko, tiro e ise e wele.
A re, tiro e, ga e a tshwanela go kgoreletsa balemi le barui ba ba ntseng ba dirisa noka ya Motloutse go itshetsa, ka ba tla a tswa ka maano a a ka se kgoreletseng tikologo.
Magosi a kgaolo a amogetse tiro e ka atla tsoo pedi, mme ba supa fa ba ntse ba emetse tlhabololo eo ka metsi a noka ya Motloutse a ntse a feta fela a sa akolwe ke Batswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Apr 2014